Thuo ya Mebutla Jaaka Setsweletsa Dijo
Mebutla e ka nna karabo go ditlhokegô tsa tsweletso ya dijo ya dikgaolo tsa selegae le tsa sekatoropo tsa Afrika, kwa go nang le bontsi jwa batho ba ba tlhokang ditiro le ba ba nang le phepô-tlase. Merafe e e sokolang e ka rutwa ntshô-dijo e e tshegetsegelang pele e ikaegile ka go ga metsi a pula, go jala merogo le go nna le lesaka la mebutla go fana ka dikotla tse di agang mmele.
Merafe e mentsi ya kwa magaeng e na le bontsi jwa bagodi le bana. Ga go bonolo gore ba laole dikgomo, dipodi le dinku fa dikgogo go sa kgonege gore ba di godise ka fa di tlhoka dithoro, tse di ka dirisetswang go fepa batho.
Mesola ya go rua mebutla ke e mentsi: mebutla e na le protein e ntsi thata go feta nama ya diruiwa tse dingwe mme ka jalo bonnye jwa nama ya yona e dira go le gontsi mo go ôtleng. E tlhoka lefelo le le nnye go feta la diphologolo tse dingwe tse di tlhagisang nama mme e bonolo go tsholwa. E ka fepiwa gotswa mo tshingwaneng ya merogo le go ja masaledi jaaka senkgwe sa bogologolo le sethithi sa mosoko. Fela, go botlhokwa gore morafe o fiwe thuto. Mebutla e tshwanetse go ruiwa mo hokong, ka jalo e ikaega ka bolaodi mme fa e ka itlhôkomologwa e ka swa leso le le bonya le le setlhogo.
Go simolola, o tla tlhoka metsi, tshingwana ya merogo le bolaodi. Metsi a pula a tshwanetse go gelelwa ka tiriso ya mosêlê go a tshela mo metomong le ditanka tsa metsi. Metsi a a geletsweng jaanong a ka dirisetswa go nosetsa ditshingwana tsa morogo tse di tshwanetseng go nna le ntshô-kungô ngwaga otlhe. Jala merogo le ditlhatshana dingwe gore o nne le tlamelo ya ka metlha.
Digwete le sepinatšhe di fa phepô e e siameng thata – merogo e e fa godimo le mononô a ya kwa mebutleng, fela cauliflower, khabetšhe le bete le tsona di ka fepa. Parsley ke seotla le molemô o o siameng thata fa setoroberi sa kwa nageng e le molemô o o botlhokwa thata mme sebabetsane se dira furu e e siameng thata. Furu e ka segwa gotswa mo tlhageng e nnye ya kwa sekgweng mme e botlhokwa go thulaganyo e e jaana ya phepô.
Mosutele o o tswang mo mebutleng o boela ka gangwe mo mmotong wa motshotelô kgotsa mo merogong jaaka monontsha o o siameng. Bana ba mebutla ba ba ruiwang ka mokgwa ono ba ka dirisetswa go fepa lelapa, go ananywa le dikungô dingwe kgotsa ba rekisetswa barui ba ba santseng ba simolola – ba ba tla rutwang sentle morago.
Matlalo a mebutla e e tlhabilweng e ka sugwa ka seatla kgotsa a kokoanywa le go sugwa kwa mafelong a go suga letlalo. Seno se ya le ka boleng jwa bobowa. Ke fela matlalo a boleng jo bo kwa godimo a a tshwanetseng go ka sugwa kwa mafelong a go suga letlalo ka ge go ka nna tlhwatlhwa-godimo. Meaparo e le mentsi ya setso e tlhoka bobowa, ka jalo matlalo a mebutla a mmala o o siameng jaaka New Zealand Reds a ka dirisetswa go dira dirwalo tsa tlhogo jalo le jalo.
Mabowa a dirwa ditlepetlepe, dikarosse kgotsa dihutse, mme megatla le maoto a kwa pele a ka dirwa ditshwara-senotlolo tse di ka rekisetswang bajanala. Ntle le go fana ka nama, tiriso ya matlalo a mmutla a ka tlhama ditiro le lotseno la tlaleletso go lolapa.
Translated by Nchema Rapoo