Thulaganyo ya Sepolotiki ya Bapedi

© Dr Peter Magubane

Bolaodi jwa Bapedi

Bapedi ba kile ba bo ba rena go okama bogolo jwa kgaolo e e dikaganyeditsweng ke dinoka tsa Limpopo, Lekwa le Komati, bogare jwa maatla a bona bo ne bo itlhomile kwa Sekhukhuneland sa gompieno, mme lefatshe la bona la ditiragalo e ne ele magareng ga dinoka tsa Olifants le Steelpoort.

Le fa ditlhopha tse di neng le ka fa tlase ga taolo ya setlhopha seno di ne di bonagala fa di itumelela boipusi, ditaolo tsa borafe di ne di tsweletsapele bolaodi jwa Bapedi. Se se kwa pele e ne ele pateletso ya gore dikgosi tse di ka fa tlase ga bolaodi di tshwanetse go tsaya bahumagadi ba bona ba ntlha gotswa mo tshikeng ya bogosi jwa Bapedi.  

Mo ditshikeng tse di latetseng, seno se ne sa fetogela kwa thulaganyong e mo go yona morwa le mojaboswa wa kgosi e e okangweng a neng a pateletshega go nyala motswalo, le go duela Maroteng magadi a a kwa godimo thata go bona tlotla eno.

Balaodi le dikgosi tsa Bapedi ka jalo ba ne ba bofeletswe mo botsalanong jo bo senang tekatekano. Mo godimo ga magadi, go ne go solofelwa gore dikgosi tse di okangweng di supa tlotla go kgosikgolo ka ditsela tse dingwe gape, le go mo begela ka ga ditiragalo tsotlhe tse botlhokwa, jaaka pulo ya dikolo tsa thupiso. 

Ka kakanyô, kgotla ya kgosikgolo e ne ele ya boikuelo go batho ba a ba laolang, fela mo bodiring, bolaodi jwa yona bo ne bo lekanyediwa go leba ditema tsa sepolotiki, tse di jaaka dikamano magareng ga ditlhopha, dikgotlhang ka ga melelwane le botlhatlhami jwa bogosi. Puisano magareng ga kgosikgolo le dikgosana e ne e dirwa ka mokgwa wa thulaganyo e e matswakabele ya matseta. 

Translated by Nchema Rapoo