Taolô Ya Matlakala a Thuonong

© Chris Daly

Taolô ya bongôla ke senotlolo sa taolô ya matlakala a thuonong e e siameng. Matlakala a a omeletseng thata a le lorole a tlile go baka komisô le mathata a go hema, fa matlakala a a metsi thata a tlile go rotloetsa megare le kgolô ya mouta mme a bake ntshô e kgolo ya ammonia.

Matlakala a a metsi a tlile go baka gape dikotsi tse di kwa godimo tsa marôphi, go fisega ga letlalo, go kgoboga, kgalo le kwelotlase ya boleng. Go ntsha bojotlhe jwa matlakala a thuonong, seelô sa bongôla se tshwanetse go tsholwa mo magareng a diphesente tse 20 le tse 25.

Fa o tamola bontlhanyana ka seatla go dira kgwele, matlakala a tshwanetse go ipopa go se nene. A metsi thata fa a ngaparelana go dira kgwele mme a omeletse thata fa a sa momagane gotlhelele.

Maele a Taolô

Taolô ya matlakala e e siameng e simolola ka go dirisa moalô o o siameng. (Buisa go le gontsi ka sediro sa moalô fano). Sediro se tshwanetse go bolokwa ka tsela e e siameng pele se diriswa, ka ge go se kitla go nna bonolo go efoga bothata jwa matlakala a a metsi fa moalô o ne o setse o le metsi pele o ka alwa mo ntlwaneng ya thuonong.

Barui bangwe ba o ala mo ntlwaneng ya thuonong beke pele ga dinonyane tse di ša di ka goroga, go netefatsa gore o omile. Sediro se tshwanetse go fetofetolwa gangwe le gape go netefatsa fa se dula se omile ebile se foforega. Dinonyane di tla thusa go dira seno ka go ipitika le go ingwaya mo sedirong. Moakanyetso le taolô ya senwelo di botlhokwa thata fa go tliwa mo taolong ya matlakala.

Barui ba tshwanetse go sekaseka thulaganyo ya senwelo mme ba baakanye fa go dutlang teng morago ga go ntsha dinonyane le pele ga dinonyane tse di ša di ka tliswa mo thulaganyong ya ntshô. Thulaganyo ya senwelo e tshwanetse go bewa leitlho fa ntshô e setse e simolotswe, go baakanya medutlo e meša fela fa e sena go lemogwa. Seno se ama gape le didira-mouwane le megato ya mowafalo e e tsedifatsang, tse di ka bakang mathata a matlakala a a metsi fa di sa dire sentle.

Go tshologa ga metsi kwa dinwelong le gona go tshwanetse go efogwa. Go isa dinwelo kwa godimo ga nnyane ga nnyane fa dinonyane di ntse di gola, go supilwe fa go fokotsa bongôla jwa matlakala ka go fitlha 7%. Dinwelo gape di tshwanetse go setelwa go nna le kgatelelô e e siameng mme di phepafatswe ka nepo go efoga tshologô le go netefatsa fa di dira ka tshwanelo.

Dinwelo tsa thoba di fitlhetswe di na le tshololô e e kwa tlase ya metsi le tshenyô go na le dinwelo tsa bêlê. Kotlô e na le seabe mo seelong sa bongôla sa matlakala, ka ge ditswakwa dingwe tsa phepô jaaka letswai, sodium bicarbonate, molasses, soya, diesiti tsa amino le crude protein, fa di fepiwa dinonyane ka bontsi di dira gore di nwe le go ntsha metsi ka bontsi.

Dingwe tsa ditswakwa tseno di ka baka lotshololô, lo mmogo le seelô se se kwa godimo sa bongôla, di bakang seelô se se kwa godimo sa nitrogen. Kgatelelô ya mogote le melemô mengwe di ka nna le ditlamorago tse di tshwanang. Kitlano ya leruo, e leng palo ya dinonyane e e beilweng ka square metre sengwe le sengwe, e tlile go nna le seabe mo seelong sa bongôla jwa matlakala. Go tlile go nna bokete go tshola matlakala mo seelong se se siameng fa kitlano ya leruo e le kwa godimo thata. Bogolo jwa sediro sa moalô se se diriswang le bona bo na le ditlamorago.

Moalô o o phatlhaladitsweng ka bosesane o ka se kgone go monyêla bongôla ka bontsi go tshwana le moalô o mokima. Bogolo jwa sediro se se dirisiwang bo ikaegile ka tikologo ya ntshô-tlhagisô le sediro sa moalô se se diriswang.

Maemô a tikologo, jaaka seêmô sa bosa se se metsi kgotsa se se mowafetseng, phokafalo kgotsa dithemphoritšhara tse di tsididi thata di ka baka gore matlakala a nne metsi fa thulaganyo ya tsamaiso-mowa le ya go thuthafatsa ntlwana ya thuonong e sa ntshe bongôla ka tshwanelo. Mathata a phokafalo a tshwanetswe go nyeletswa ka go amoganya sentle kagô le thulaganyo e e tsamaisang metsi. Tsamaiso-mowa le thuthafatso di tshwanetse go laolwa ka ketlotlhoko go tshola maemô a tlelaemete a ntse sentle.

Translated by Nchema Rapoo