Springbok
Tshepe

© Nigel J Dennis

Leina

Tshepe [Antidorcas marsupialis]

Ponalo

Lekgware le ka nna bokete ba 50kg fa e namagadi e ka nna 37kg. Mmala wa bebele ya tsona o o setlang o dira go dibonale ka bonolo. Magetla a yone a kwa tlase nyana ga morago wa yone. Mmele wa yone o mmala wa cinnamon kwa godimo, fa kwa tlase ele mmala wa bosweu ka mothala o ntlhwa kwa matlhakoreng o o tlogang kwa maotong a kwa pele go fitlha kwa maotong a kwa morago. Mogatla wa yone o mokhutswane o mosweu le bo ntlhwa. Kwa morago e na le letshwa la tri-angle e tshweu e e dikagangeditsweng ka mothala wa mmala o ntlhwa. Manaka a e namagadi a makhutswane mme a masesane mo go a Lekgware.

Dijo

Ditshepe di boikgethelo ka dijo tse di dijang. Dija fodder e e kgethegile ka nako e ngwe le engwe. Difula ka selemo s komelelo mme difula morago ga nako ya dipula ga ditlhaga di simolola go nna tala. Di rata go ja dithunya jaaka Acacia mme di nwa metsi ka metlha yotlhe. Ga metsi a sa bonale di ithusa ka go ja dikutu le mekwele e e nang le metsi a mantsi mo go tsone.

Tsalo

Nako ya go tsala e diragala beke ele ngwe kgotsa tse pedi fela mme phologolo e e ka tsala nako ngwe le ngwe mo ngwageng. E tsala namane e le esi kwa morago ga dibeke dile 25 tsa go dusa kgotsa go ima. Dinamane tse di fitlhiwa malatsi a mabedi a ntlha morago ga tsalo. Tse dintse di tsala ngwaga ngwe le ngwe fa tse dingwe di ka tsala gabedi ka ngwaga. Dinamane tsa yone di kgwisiwa morago ga dikgwedi dile 4. Tse di namagadi di itekanela go ka tsala morago ga dikgwedi dile supa.

Mekgwa

E e tona ke yone e ipatlelang lefelo la go ka bona thobalano kwa ntle ga tse di itselang mafatshe a tsone ka gore di batla go i nnela dile nosi kwa mafelong ao. Tlhamo ya lesomo e nolo.

Habitat

Ditshepe di nna kwa mafelo a a bokgwakgwa a a sa tlwaelegeng. Di-Calcareous pans, kwa dinokeng tsa mafelo a komelelo le di-savannah tsa ditlhaga tse di kwa tlase ke mafelo a boikgethelo. Ga di rate mafelo a ditlhaga tse ditelele.

Kwa di ka bonwang kwa teng

Tshepe ebonala ka bontsi kwa mafelo a a kwa bogareng le kwa bophirima jwa Afrika Borwa. Tse dingwe tsa tsone di santse di ka bonwa kwa mafelong a tsone a tlhago di iphela ka kgololesego fa bontsi ba tsone di nna kwa di-farmlands le di nature reserve. Di teng ka bontsi kwa di National, Provincial le di-private game reserve.

Field Notes

Ditsshepe di ne dile teng ka matshwititshwiti, di iphela kwa mafelong a komelelo a Afrika borwa ka ako e masettlara a ntlha a goroga mo Afrika borwa. morago ga fao difokotsegile ka pele mme gompieno di bonwa fela kwa mafelo a tshireltso le kwa dipolaseng. Setlhopha sa Rugby sa naga Ya Afrika Borwa se itsege ka leina la di-Springbok.