Spotted Thick-Toed Gecko

© Tyrone Ping

Leina

Spotted Thick-Toed Gecko or Spotted Gecko [Pachydactylus maculates]

Mophato

Reptilia

Tlhomagano

Squamata

Lelapa

Gekkonidae

Botelele (Namagadi)

58 mm

Botelele (E Tona)

48 mm

Ponalo

Sebopiwa se sennye se se bonolo ka mmele o nonneng le molomo o kgolokwe. Mokwatla wa yone o bosetlhana le borokwa, ka mela e mene (4) e meleele, ditsubaba da botsho mme di ka fapana gi dira di-crossbands. Mpa ya yone e bosweu jo bo setlhafetseng ka mmala.

Phatlhalatso

E bonwa kwa dithabeng tsa Kapa go tloga kwa Sutherland, le mafelo a kwa matshitshing a Knysna go elela kwa Eastern Cape, Kwa-Zulu Natal go fitlha kwa Swaziland. Le kwa Borwa-Botlhaba ba Mpumalanga; Tse dingwe di bonwe gaufi le Mozambique.

Tsalo

E namagadi e ithwala ka Lwetse – Tlhakole mme e beela disete tsa mae di ka nna 2-3. E le nngwe e ka nna le mae a ka nna mabedi. Mae a tla ka sekgapha se se thata, mme e elama malatsi a le 100-120.

Dijo

Ditshenekegi tse dinnye le dikgokgo.

Di-Field Notes

Spotted Gecko ke nngwe ya di-gecko tse di tlwalegileng mo mophatong wa dibopiwa tse di ka nna 30 mono Afrika Borwa. E bonwa e phela mo mannong a a farologaneng.