Spoonbill
Molomo-Swana

© Nigel Dennis
Spoonbill.

Tebego

Molomo-Swana ke nonyana e e tsamayang mo metsing ya maoto a ma telele. Boleele jwa yona ke 90cm (36’). Mmele wa yona o mosweu ka bontsi, ntle fela le maoto, sefatlhego le molongwana tse di leng khibidu. Maphuka a boleele jwa 36 - 40 cm. Nonyane eno e supega bonolo ka molongwana wa yona o o bopegileng jaaka leswana. Ko tsalong, molongwana wa Molomo-Swana ga o lebege jaaka leswana. E tsalwa ka molongwana o mokhutshwane, o o fetogelang ka iketlo go tshwana le leswana ga o gola. Gantsi molongwana o tshwana le leswana pele ga nako ya gore tsuwane e tlogele sentlhaga. Nonyane tsa tona le tsa tshegadi di a tshwana ka selebego.

Phepo

Phepo ya Mololo-Swana e akaretsa ka bontsi tlhapi le ditshedi tsa mo metsing tse di senang lerapô la mokwatla jaaka digagabi tsa metsi, ditshenyekegi, bolele le bo-kgopa.

Tsadiso

Molomo-Swana o simolola tsadiso ka mariga. Nako ya tsadiso e simolola ka mariga mme e tswelela dikgakologo tsotlhe. Gantsi o tsadisa ele setlhopha go simolola ka Mopitlwe go ya go Lwetse. Ya tshegadi e ka beela mae a le 3-5 mo kgweding ya Moranang kgotsa Motsheganong. Mae a nonyane e gantsi a na le dikôlô tse khibidu, borokwa kgotsa botala jwa legodimo. E beela mae a yona gantsi mo sentlhageng sa dithupana kgotsa lotlhaka mo setlhareng se se gaufi le metsi, fela sentlhaga sa yona se ka fitlhelwa gape kwa lotlhakeng lwa lekadiba la seretse, mo gare ga majwe, kwa megobeng kgotsa kwa dithabaneng.
Dintlhaga gantsi di gaufi le fa fatshe kgotsa di mo ditlhareng tse di okameng metsi. Magare a sentlhaga gantsi a adilwe matlhare. Lee le elangwa go fitlha matsatsi a le 29 ke batsadi ka bobedi. Morago ga go thuthuga, e nnye e tlhokomelwa ke batsadi ka bobedi matsatsi a le 20-30. Morago ga foo, e simolola go fofa morago ga dibeke tse dingwe di le nne.

Maitshwaro

Molomo-Swana ke nonyane e gantsi eleng ditlhong mme ele kelôtlhôko. Gantsi e tsamaya e le nosi, fela e ka bonwa gape ka para kgotsa ka setlhopha. E didimetse, ntle fela le go rora fale le fale fa e tshogile. Nonyane e tsaya loeto ka phofo. E fofa molala le maoto di tsharollotswe, mme e phepheula maphuka mo moweng. Molomo-Swana o iphedisa ka go tshwara ditlhapi mo metsing a a seng boteng. E tsoma dijo tsa yona ka go akga molongwana wa yona o o butsweng kafa le kafa mo metsing. Molongwana wa yona o dira jaaka scythe (sediriswa sa huku) go tshwara ditsongwa.

Tulo

Molomo-Swana gantsi o phela kwa metsing a a seng boteng a a kwa naga-gare. Bodulo jwa nonyane eno bo akaretsa dintshi tsa noka, dintshi tsa letšha, sekgwa se se tletseng metsi, dikgwa tsa ditlhaga, makadiba a seretse, le mabala a a fa thoko ga metsi.

Di fitlhelwa kae

Molomo-Swana o filtlhelwa kwa dinageng di le mmalwa mo borwa jwa Afrika. Dingwe tsa dinaga tseno di akaretsa Botswana, Kenya, Madagascar, Mozambique, Namibia, Afrika Borwa le Zimbabwe.

Leina La Se-Latin

Platalea alba