Spear Grass
Seloka

© Ivan Van der Walt

Leina

Seloka

Leina La Se-Latin

Heteropogon contortus

Ditiriso

Seloka se jega fela go sale gale ka selemo, morago ga fao se nna thata le go sa dumeletshege mo phulong. Meritshana ya sona gantsi e tsenelela boboa jwa nku mme seno se dige boleng jwa bona.

Thanololo

Boleele jo bo fitlhang 1m. Seloka ke motshela-sebaka mme ke tlhaga e ê golelang ka bonako. Tiriso ke ya difudi tse dintsi. Thunya-kakaretso ke ngatana ya dithunya ê le nngwe e tala (gantsi e meritshana) ka meritshana e ê tswapaganeng e metelele ê le borokwa ê le boleta. Dikgatla di pinyeletswe mme meritshana ê a kgweleana fa ê omeletse mme ê na le go kokoana mmogo.

Tulo

Seloka se mela mo mebung e e matlapana e e gamogileng sentle le kwa mafelong a a bulegileng. Ditlhogwana tsa peo tse di sokeletseng di na le go bonwa gantsi go ikala le ditsela. E ka bonwa e mela kwa Porofenseng ya Limpopo le kwa Kruger National Park.

Thunyô

Diphalane – Mopitlwe

Dintlha Tlhagiso

Seloka ke tlhaga e ê boleng ya furu le fa ê na le makoa a yona. Mo dikarolong tsa lefatshe jaaka Australia tlhaga eno e rwala maikarabelo a go nyeletsa kgwebo ya boboa jwa nku mo dikgaolong dingwe tsa naga eo ka ntlha ya tlhaka e ê senyang boboa morago ga go tshôphagana mo go bona.