Snappers

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Snappers

Leina la Maranyane

Lutjanidae

Semeto

E ka nna 1 m, fa bontsi bo ka nna 30 cm.

Ponalo

Mebele ya tsone o na le sebopego sa kgolokwe ya lee ka boleele le matlhakore a a sephaphathi. Megatla ya kwa morago e mekhutshwane mme e ntlha pedi (forked). E na le mogatla wa mokwatla o le mongwe. Tlhogo ya yone e bopame kwa pele go ya kwa molomong. Mebala ya tsone e ka farologana ka ga e ka nna mmala wa lephutshe oo galalelang, bosweu, selefera, ka mabanta a mmala wa legodimo go ya go borokwa le boshibidu kgotsa bontsho le bosweu.

Dikitsiso

Lelapa la Lutjanidae le na le mephato e ka nna 17 le dibopiwa di le 107. Gantsi di ka bonwa ka makoko a magolo kwa godimo ga mafika a lewatle (reefs). Di rata go tsoma masigo, mme ka ka lebaka leo di na le matlho a magolo mo go tse dingwe tsa dibopiwa tsa tsone. Di na le meno kwa godimo ga legano la yone go e thusa go phuphura setlhabelo sa yone fa e ja. Di tsala ka go tshela mae mo metsing fa a nonofaditswe (Pelagic spawners).

Dijo

Di fepa ka di-crustaceans le ditlhapi tse dingwe. Mefuta e mengwe ya dibopiwa tse di ja plankton.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Bluebanded snapper - Lutjanus kasmira
Emperor snappers - Lutjanus sebae
Humpback snapper - Lutjanus gibbus