Sauvignon Blanc

© Glenneis Kriel

Thanololô

Sauvignon blanc e tlhagisa mofeine o mosweu ka tatso e e itlhagisitseng e tala le ya ditlhatshana. Leina le kaya gore 'tshweu e e tlhaga' ka Sefora mme go dumelwa fa mofuta ono e le letlhogela la lelapa la metlheng la Traminar. Ke mongwe wa mefuta e e jalwang ka bophara mo lefatsheng.

Tlhôlegô

E ntse e jalwa kwa France go tloga ka ngwagakete wa bo18 mme e tume ka go diriswa ga yona mo mefeineng e e tswang kwa Bordeaux le Loire Valley.

Maina A Mangwe

E itsagale ka Feigentraube kwa Germany, Muskat Silvaner kwa Austria, Fume Blanc kwa United States, Sauvignon kwa Cyprus, Portugal, Italy, Czech Republic, Slovakia le Slovania mme ka Sauvignon Gros kwa Romania.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Ga go a totobala gore Sauvignon blanc e fitlhile leng mo Afrika Borwa, fela go totobetse gore e ne ya jalwa kwa Groot Constantia kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1880.

Ka ntlha ya boleng jo bo bokoa jwa seresemela merara e le mentsi ene ya kumolwa mo dingwageng tsa bo1940. Mofuta ono o ne wa tuma gape ka bo1970, fa seresemela se se senang megare se ne sa nna teng go tswa kwa Agricultural Research Centre kwa Nietvoorbij. Gompieno, ke mongwe wa mefuta e le metlhano e e jalwang thata mo nageng.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Merara e gola ka katlego mo mebung e e mo magareng kwa dikgaolong tse di rurufetseng. E tlhagiswa mo dikgaolong tsotlhe tse di tlhagisang mofeine mo Afrika Borwa mme Stellenbosch ke yona e nang le bogolo jwa karolo ya ntshô-tlhagiso, e selwe morago e Robertson, Swartland le Worcester. Ke ona mofuta o o jalwang ka bontsi kwa Cape South Coast.

Kgolô

Mofuta ono o gola ka selekanyetso le go ya ka bontsi, ka ntshô magareng e e ka fitlhang 9t/ha go ya go 13t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa go tloga mo bogareng jwa setlha, go mo bogareng jwa Tlhakole.

Meretlwa

Meretlwa e mmala o o serolwana se se talana, bogolo jo bo mo magareng go ya go jo bo nnye mme sebopegô ke se se motôpô o mokhutshwane. Letlapi le le sesane mme le boleta, fa leungokobolwa le le matute ka tatsô e e itshupileng ya bojang.

Matlhare

Matlhare a botala jo bo tseneletseng, ka bogolo jo bo mo magareng go ya go jo bo nnye, mme a kgolokwe ka ditsebe tse tlhano.

Disinyi le Malwetse

Mofuta ono o tshabelelwa go se kalo ke bolwetse jwa phori. O tshabelwa thata ke botrytis, segolo bogolo mo mebung e e nonneng ka ga dingatana di nna tse nnye. O senyiwa gape ke segagane mme ke ona mofuta o o tlhokang dithemphoritšhara tse di rurufetseng go e feta yotlhe ka nako ya kgolô.

Ditiriso

Bontsi jwa mefeine ya Sauvignon blanc ga e mo metomong ya logong. Motswako wa ona le Semillon o simolola go tuma. Sauvignon blanc e e tshwerweng ke botrytis e dirisetswa go tlhagisa mefeine ya Noble Late Harvest.

Tatsô

Sauvignon blanc e e tlhagisitsweng ka fa tlase ga maemo a bosa a a bothito gantsi e ntsha mofeine wa ditatsô tsa maungo a tropical le a a serolwana, fa maemo a bosa a a rurufetseng a tlhagisa mefeine ya tatso e e babang le ya dijalo di etsa bojang, legonyedi le feie e tala.Translated by Nchema Rapoo