Ruby Cabernet

Thanololô

Ruby Cabernet ke mofuta wa mofeine o mohibidu o o tlhamilweng ka 1936 ke Ngaka Harold Olmo go tswa kwa University ya California, ka go kopanya Carignan le Cabernet Sauvignon.

Tlhôlegô

Ngaka Olmo o tlhamile Ruby Cabernet e le go nêêla madirelo a mofeine a kwa California mofuta o o ka kgonang go dira sentle mo maemong a bosa a a mogote a Cabernet Sauvignon e neng e sa a kgone.

Ruby Cabernet, ka jalo, e tlhamilwe gore e tlhagise boleng jo bo bonwang mo Cabernet Sauvignon le nonofô ya Carignan. Mofuta ono o ne wa ntshetswa kgwêbô ka 1948 mme wa tuma thata ka dingwaga tsa bo1960.

Le fa mofuta ono o diragatsa sentle mo maemong a bosa a a bothithô, mofeine wa mofuta-nosi wa boleng jo bo botoka o golaganngwa le diterebe tse di tlhagisitsweng mo dikgaolong tse di rurufetseng.

Maina A Mangwe

Ga ayo.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Mofuta ono o ne wa jalwa lwantlha mo Afrika Borwa ka 1982 mme kgaolo ya ntshô-tlhagiso e setse e fitlheletse go feta 2 000ha.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Mofuta ono o tlhagiswa mo dikgaolong tsotlhe tse di tse tlhagisang mofeine mo Afrika Borwa, mme Robertson le Breedekloof ke tsona tse di nang le kgaolo e kgolo ya ntshô-tlhagiso.

Kgolô

Ke sejalô se se golang ka nonofô se se kgonang go ntsha go feta nnê ya Cabernet Sauvignon mo hekethareng. Ntshô magareng ke 20t/ha go ya go 30t/ha. E siametse kotulô ka motšhine, segolobogolo fa e jadilwe mo karolong e kgolo.

Go Butswa

Meretlwa e butswa thari mo gare ga setlha, go simolola ka seripa-gare sa bobedi sa Mopitlwe.

Meretlwa

Mofuta ono o tlhagisa meretlwa e mennye e le motôpô e e fetogelang go mmala wa loapi o o ntshofetseng fa e feditse go butswa. Letlapi le lekima, fa leungokobolwa le le metsi ka tatsô e o kareng ya bojang.

Matlhare

Matlhare a magolo, a botala jo bo tseneletseng, a phatsima mme ditsebe ke tse tharo go ya go tse tlhano.

Disenyi le Malwetse

E ribama go se go nnye ke bolwetse jwa phori le botrytis.

Tirisô

Mefeine e le mmalwa ya mofuta-nosi e a dirwa, fela bontsi jwa diterebe bo diriswa mo metswakong ya mefeine e e rekiswang ka bontsi kgotsa ka mabokisi. E tsofala ka bonako go feta Cabernet Sauvignon mme e tshwanetse go itumelelwa e sa le nnye.

Tatsô

Dika-mefuta di na le tatsô ya meretlwa kgotsa ya bojang.Translated by Nchema Rapoo