Pride of de Kaap
Tswiriri

© Roger de la Harpe

Leina

Tswiriri kgotsa Pride of de Kaap

Leina La Se-Latin

Bauhinia galpinii

Thanololo

Tswiriri e na le ponagalo ya matlhare a a tsebe-pedi kgotsa phukana a le bophara jwa 60mm. Nako kgolo ya thunyô e ka Mopitlwe le Moranang, fela dimela di ka thunya le go tloga ka Ngwanatsele.
Mebala ya dithunya gantsi e farologana go tloga ka wa salmon go ya go wa namune le serolwana go fitlha ka o mo sweu. Diphetale di bopegile jaaka serapô mme di boleele jwa 40 mm.

Tulo

Bauhinia galpinii e ka fitlhelwa e mela kwa nageng.

Leungo

Sephotlwa se sê thata se le logong se na le dithôtse di le mmalwa tse di sephaphathi.

Dintlha Tlhagiso

Le fa leina la sona le kaya fa se fitlhelwa kwa kgaolong ya Kapa ya Afrika Borwa, semela seno tota se tlhaga kwa dikgaolong tse di bothitho tsa naga. Se theilwe leina ka De Kaap Valley e e kwa porofenseng ya Mpumalanga gaufi le Mbombela [Nelspruit].
Semela seno se aname kwa dikgaolng tsa nagatlase tsa Afrika Borwa mme, ka ntlha ya bontle ba sona le go lemega bonolo, ga jaana se fitlhelwa go ralala lefatshe. Se itsagale gape ka leina la se-Afrikaans ‘Vlam van die Vlakte’ le le rayang gore ‘molelo wa mabala’.