Popegô-Naga ya Richtersveld

Popegô-Naga

©Shem Compion
Pele re tlhoafala, a re tseye motsotso go itlwaetsa popegô-naga ya kgaolo. Fa go tliwa mo lefelong, kgaolo-kgolo ya Richtersveld e ka kaiwa fa e bopa khutlonne kwa sekhutlwaneng sa molema sa Afrika Borwa se se kwa godimo.
Melelwane ya khutlonne eno e eme ka fa go latelang: molelwane wa bophirima ke lobopo lwa Atlantic, gotswa kwa Alexander Bay goya Port Nolloth; kwa borwa, ke mmila wa R382 o o tabogang gotswa kwa Port Nolloth goya Steinkopf (seteišane sa sesole sa maloba se se sekgala se se ka nnang 90km go tsena ka naga-gare); kwa bophirima, ke tselakgolo ya N7 gotswa Steinkopf go fitlha kwa molelwaneng wa Namibia kwa Vioolsdrift; mme kwa bokone, ke Noka ya Orange (kgotsa !Gariep, e e rayang gore ‘noka e kgolo’ ka loleme lwa seNama) mme mosele ono wa metsi o mo golo o tshwaya molelwane wa boditšhabatšhaba magareng ga Afrika Borwa le Namibia.
Fa re bua sepolotiki, borwa jwa Namibia ga se karolo ya Richtersveld, fela fa re bua sekamanô-tshedi, di a tshwana. Mo letlhakoreng la molelwane le le mo Afrika Borwa, toropo e kgolo e e gaufi ke bodibana jo bo lorole jwa Springbok, sekgala se se ka nnang 60km goya kwa borwa jwa Steinkopf mo tselakgolong ya N7.

Korosetina

©David Fleminger
Richtersveld Community Conservancy e mo gare ga khutlhonne eno, e dikanyeditswe ke mafulo kwa borwa le bophirima, ke tselakgolo ya N17 le Nababiep Nature Reseve kwa Botlhaba, le ke Dithaba tsa Vandersterre kwa bokone. Go feta Dithaba tsa Vandersterre go eme Richtersveld National Park, e e atologelang kwa dintshing tsa Noka ya Orange. Lefatshe le le mo magareng a mafelo a mabedi ano a tshomarelo-tlhagô le mo diatleng tsa poraefete, mme le dirisetswa gantsi madirelo a moepo.
Fa re phatlhalatsa go se nene, re tla bona gore Richtersveld e kwa sekhutlong se se kwa godimo mo molemeng wa kgaolo-kgolo ya Namaqualand. Seno ke lereo le le tenang le le sa totobalang le le ka tlhaloswang ka ditsela di le di ntsi. Jaaka Willem Steenkamp a kaya mo bukeng ya gagwe ya mosepele, Land of the Thirst King, ‘Lefelo leno le jaaka korosetina. Fa o batla go tshela ka mo gare ga melelwane ya lona, o le taolosetsa go fitlha kwa Vredendal. Fela fa o sa rate go bitswa MoNamaqualand, o le tobetsa ka go le papetla go fitlha le felela kwa Garies, mme ke tsona tseo.’

Succulent Karoo

©Roger de la Harpe
Fela fa re bua ka dimela, Namaqualand e kaiwa jaaka ‘karolo ya Succulent Karoo e e rotloetswang thata ke dipula tsa mariga le mouwane’. Go latela tlhaloso eno, molelwana o o kwa borwa wa Namaqualand o atologa gotswa mo molomong wa Noka ya Olifants, gaufi le Vredendal, goya kwa tlhakoreng ya Dithaba tsa Matsikamma kwa Vanrhynsdorp. Molelwane o o kwa botlhaba jaanong o sala morago Bokkeveld Escarpment, o taboge mo gare ga Nieuwoudtville le Loeriesfontein, mme o ye bokone-bophirima, go fitlha kwa lobopong lwa Lüderitz kwa Namibia.
Fela mo lobakeng lwa sepolotiki, Mmasepala wa Sedika sa Namaqua o akaretsa dikarolwana di le mmalwa tsa tikologo tse di itshupileng gotswa mo Succulent Karoo. Ka jalo, kwa bokone, molelwane o taboga go ikala le mosele wa Noka ya Orange e e ikanyegang, gotswa kwa Alexander Bay goya Pofadder (mo lefatsheng la Basarwa). Kwa bophirima, o sela morago lobopo lwa Atlantic kwa ntlheng nngwe e e sekgala sa 35km kwa borwa jwa Garies. Gotswa fano, e atologela goya botlhaba le mo ekareng ke borwa go tsena ka Hantam Karoo (go akaretsa ditoropo tsa Loeriesfontein, Nieuwoudtville, Calvinia, Sutherland le Fraserburg).

Itemogelô ya Malomo ya Dikgakologo

©Roger de la Harpe
Kwa bofelong, fa go tliwa mo malomong a naga, ona a diragala go kgabaganya kgaolo ya Namaqualand, go akaretsa Richtersveld e e bonagalang ele moôpa. O fitlhela malomo a naga gape kwa borwa jwa Vanrhynsdorp, mo eleng setlhopha sa malomo sa Cape Floral (kgotsa Fynbos). Le fa di katogane ka sekgala sa di-kilometre di le makgolo a le mmalwa, ditoropo tsa Springbok le Nieuwoudtville gantsi di diragatsa jaaka felo-bogare jwa itemogelô ya malomo ya dikgakologo. Namaqua National Park e e santseng e gola, gaufi le toropo ya Kamieskroon, ke kgaolo e nngwe ya bosupa-malomo e e siameng. Mafelo a malomo a a lemogwang thata ka kwa ntle ga Namaqualand, a ka fitlhelwa mo dithabeng tsa Cederberg, go ikala le lobopo go dikologa Elands Bay le kwa West Coast National Park kwa Langebaan (lefelo le le gaufi thata le Cape Town).

Translated by Nchema Rapoo