Phepô ya Dipodi mo Mafulong
Mafulo (lefatshe le go fulelwang mo go lona le le apesitsweng ke bojang) a na le go nna le bomaatla le protein tse di kwa godimo fa di le mo maêmông a kgolô. Fela, fa a ntse a gola a na le bometsi jo bo kwa godimo mme go thata go namagadi e e tlhagisang ka bogolo kgotsa potsane e e golelang ka bonako go ja bojang jo bo lekaneng go ka fitlhelela dikotla tse di tlhokegang. Mo godimo ga fao, fa dimela tsa mafulo di ntse di butswa, tatso le go jega ga ona di ya tlase, ka jalo go botlhokwa go dikolosa mafulo go tshola dimela di le mo maêmông a kgolô. Ka kwa ntle ga paka ya kgolô, furu e tlile go nna sefepi se se golo sa phepô ya dipodi tsa gago.
Ryegrass e latswega sentle mo pakeng yotlhe ya phulô go fitlha e butswa ka Lwetse go fitlha Diphalane. Kikuyu e nna magwata le go sa nne monate bonolo, segolo thata thari ka selemo. Ela tlhokô gore o se fepe ka bontsi sefepi se se loileng (difepi tsa bomaatla kgotsa protein e e kwa godimo jaaka korong kgotsa soybean) - ka go nne se na le go nna tlhwatlhwa-godimo. Fela o se solofele go le gontsi gotswa mo mafulong mme wa fepa sefepi ka bonnye, ka jalo wa fokotsa ntshô-tlhagiso ya dipodi.
Dipaka tsa phulô di tshwanetse go ka rulaganngwa gore di tsamaisane le mananeo a kumiso le a nosetsô ya mafulo. Sia nako e e lekaneng morago ga kumiso (pele ga phulô) go fokotsa bokotsi jwa botlhole gotswa mo monontsheng. Go ka tlhokega gore o sege kgolô e e sa tlhokagaleng ya bojang jo bo magwata ka motsi o o kwa setlhoeng wa setlha.
Tlaleletso ya Phepô ya Dipodi mo Mafulong
Mo mafulo a dirang motheo wa tlamelo ya tshilodijo, bothata jo bo golo e tlile go nna tshweetso ya gore Dry Matter (DM) e e tsewang gotswa mo mafulong e tlile go nna eng. Fa difepi tse di loileng tsa tlaleletso di tlamelwa, dipodi di ka fetola mojô wa tsona mme tsa fula go se nene. Fa go na fela le mafulo a boleng jo bo kwa tlase, phepô e ka tlaleletswa ka 200 - 350 gm ya sefepi se se loileng go phologolo ka letsatsi goya ka dingwaga tsa yona. “Leitlho la morui” le botlhokwa ka ge morui a tla tshwanela ke go lekodisa tsibogo ya dipodi go diphetogo le mo go nneng teng le mo bomonateng jwa phulô.
Morui o tshwanetse go phopholetsa tsêô ya DM e e solofetsweng gotswa mo mafulong mme a fepe tlaleletso e e maleba ya difepi tse di loileng. Fa morui a belaela gore tsêô ya DM e tshwanetse go nna kwa godimo ga e e fopholetsweng, a ka isa tlase seelo sa sefepi se se loileng. Fa ntshô-tlhagiso ya mašwi e ya tlase ka ntlha ya phetolo ya phepô, sefepi se se loileng se tshwanetse go ka fetofetolwa go netefatsa fa kwelotlase ya ntshô-tlhagiso ya mašwi ese ya leruri. Dipodi tsa mašwi di tlhoka korong mo phepông ya tsona go tshegetsa ntshô-mašwi.
Dipodi tse di dusang (dikgwedi tsa ntlha tse nne tsa go dusa) di tshwanetse go fitlhelela mafulo a a siameng sebaka se se ka nnang diura di le 5 ka letsatsi, mme a ka tlaleletswa ka 5kg ya furu e tala ka letsatsi. Mo kgweding ya bofelo ya go dusa, seno se ka oketswa goya go 7kg ka letsatsi mo godimo ga go fepa sefepi se se loileng sa 250 - 400 gm ka letsatsi go phologolo.
Mafulo a a siameng a tshwanetse go ka tlamela dikotla tsotlhe tse podi e e sa ntsheng mašwi e di tlhokang, fela a ka tlhoka sefepi se se loileng 150 - 200 gm ka letsatsi mo mafulong a a bokoa.
Dipodi di tshwanetse ka metlha tsa nna le kgololosego ya go fitlhelela minerale wa boleng jo bo kwa godimo o o repileng, o o diretsweng fela dipodi. Ona o tshwanetse go nna le copper e e lekaneng mme o nne kgwethe ya minerale e e boleta, eseng e e tiileng.
Phepô ya Dipotsane mo Mafulong
Go fitlha fa ele dikgwedi di le tharo, potsane e tlile go bona motswako wa mašwi (mašwi a podi kgotsa a kgomo), matlhare a matala le creep feed - sefepi se se humileng ka dikotla se se bewang mo lefelong le le kgethegileng le dipodi tse kgolo di sa kgoneng go ka le fitlhelela. Go tloga fa di le malatsi ale 90, dipotsane di ka bolotswa goya go fula kwa mafulong sebaka se se ka nnang diura di le 8 ka letsatsi. Sefepi sa tlaleletso se se nang le protein ya seelo sa 15 - 18% se ka fepiwa tsatsi ka tsatsi; e ka nna 125 - 200 gm go phologolo ka letsatsi.
Tlamela furu e e omeletseng bosigo kgotsa ka paka ya dipula.
Translated by
Nchema Rapoo