Oryx
Kukama

© Karl Svendsen

Leina

Kukama kgotsa Oryx kgotsa Gemsbok (Oryx gazella)

Introduction

Go gaisa dipholo tse dintsi Oryx ke sekao sa mowa wa sekaka sa Namibia. E ipatla thata kwa mafelong a komelelo ka fa tlase ga mogote wa letsatsi le moriti nyana wa ditlhare tse di phatlhaletseng. Ke pitse ya sekaka e e bopegileng japa pony ya polo. E na le matla le kgotlhelelo e e gakgamatsang fa mme e iphelela ka tlhaga ya sekaka.
Ga go na le tlhokego ya metsi go dikgato tse e ka di tsayang go fokotsa tlhoko ya metsi. E kgona go dumela temperature ya mmele wa yone go ya kwa godimo go tlhoga go 35.7°C e e tlwaelegileng go ya go 45°C (113°F). Ga e fetsa fao e be e ikolobetse ka go hem aka dinko le go fufula. E kgona le go tshwarelela moroto wa yone gore e a dirise go nna le metsi.

Dijo

Kukama e fepa ka go ja matlhaka, ditlhaga, le mere. Ka nako ya komelelo e ka ja malomo le dijo tse dingwe. Go e thusa ka ditlhoko tsa metsi e ka epa go bona di-succulents le magapu a tsama e a rata thata.

Tsalo

Kukama ga e na selemo se se beilwe sa tsalo. E ka tsala namane ele esi morago ga dikgwedi dile 9 tsa go ima. Thobalano e direga magareng ga e e namagadi le poo e tona ya moganka.

Mekgwa

Letsomane la dipholo tse namagadi le dipoo sa ikaeng setsha di ka sasanka sekgwa di batlana le dijo. Mo tseleng di ka kopana le dipoo tse di ithaletseng mafelo mme go katoga dikgotlhang le dipoo tse dimabifi, dipoo tse dimokodue di ka ikobela tsone.
Mokgwa wa diphologolo tse ke go boloka matla a tsone le metsi a di a tlhokang. Fa letsatsi le fisa thata di ka ikala ka fa tlase ga moriti wa ditlhare. Fa moriti wa setlhare o retela di ka itshola ka tsela e e tla dirang gore letsatsi le shape lefelo le le nnye mo mmeleng way one.
Go na le dipoo tse di iphelelang di le esi mme go itsiwe fa ke kgona go bolaya tau e e ka ditlhaselang ka go e tlhaba ka manaka a yone a a bogale.

Manno

Manno a boikgethelo ke mafelo a komelelo a di-open grasslands, mme di ka nna kwa mafelong a a farologaneng jaaka western namib rocky areas, di-sand dunes tsa kwa Namib Desert le di-semi desert plains tsa kwa Kalahari.

Kwa Di Ka Bonwang Teng

Kukama ka gantsi e bonwa kwa di-game reserve tsa Afrika Borwa mme ga e sale di ntse di busediwa kwa mafelo a tsone a tlhago.

Predators

Ditau, mangau, cheetah, hyena le dinjwa tsa naga ke tsene ditsomang Kukama mme dinamane tsa tsone diwela dingalo gantsi. Seo ke ka fao mortality rate ya tsone ele kwa godimo jaana.

Ponalo

Pholo e e tona, ka matshwao a bontsho le bosweu kwa sefatlhegong le kwa maotong, methala e mentsho kwa matlhakoreng le mogatla o montsho. Poo yone e ka meta 1.2m kwa magetleng ka bokete jwa 240kg. Mmogo ee tona le ee namagadi di na le manaka. Manaka a e e tona a makhutswanyane mo go ee namagadi mme a bokimanyana.

Field Notes

Leina la yone Gemsbok le tswa kwa lefokong la se Dutch eleng Chamois le le fetolwetswe go Afrikaans. Manaka a Kukama a tswantshaniwa le soroto e go tweng rapier, ebile a itsege that aka go tlaba dira tsa yone tse di ka lekang go e tlhasela.