Ntshô-Tlhagiso le Thekiso ya Mohair mo Afrika Borwa

© Mohair South Africa

Podi ya Angora e bêolwa dikgwedi dingwe le dingwe di le 6. Bokete-bogareng jwa boboa bo farologana goya ka dingwaga tsa podi; boboa kwa dipotsane bo tlile go nna bokete jo bo ka nnang 500g ka pêolô ya ntlha fa go bapiswa le boboa jwa dipodi tse kgolwane jo bokete jwa bona bo ka nnang 2kg. Morago ga pêolô, boboa bo a tlhaolwa, bo pakwe le go tshwaiwa ka go bonala go supa dintlha tsa kgolagano le nomore ya botlhagisi.

Thekiso ya Mohair

Barui-potlana ba dipodi tsa Angora ba ka dirisa mafelo a morafe a go bêolelwang mo go ona, fela barui ba ba golo ba kgwebo ba rulaganya le setlhopha sa babêodi gore se etele dipolase tsa bona ka nako ya pêolô. Morago ga pêolô, mohair o kgaoganngwa goya ka boleele, nonofo le moutlwalo-tshwaro, mme o pakwe ka dingata le go tshwaiwa ka nomore ya motlhagisi le boleng jwa yona. Motlhagisi mongwe le mongwe wa mohair yo o kwadisitsweng o na le nomore ya botlhagisi. Ngatana ka nosi e ka nna bokete jo bo fitlhang go 150 kg. Barui-potlana ba tshwanetse go tshola direkoto tsa tlhagiso-nosi mo ngateng gore ba tle ba duelwe ka tshwanelo.
Dingata di iswa kwa mogokaganying, yo o tlileng go bapatsa mohair le go o rekisa ka kgaisanelo-tlhwatlhwa, e e tshwarwang makgetlho a ka nna 14 ka ngwaga kwa Wool and Mohair Exchange kwa Port Elizabeth. Dingata di tlile go ka kgaoganngwa mekoa mme disampole gotswa mo mokoeng mongwe le mongwe di bontshwa bareki. Moreki o tlile go reka ‘mokoa’ wa tlhale e tala (e e bitswang gape ‘greasy’) mme morago a o phetole. Phetolo ya mohair e akaretsa tlhaolo, phepafatso, kamô, tikoloso, phetolô ya mmala, togô mme kwa pheletsong, go baakanngwa ga bofelo.
Bareki ba ba rekelang tlhagiso ya mo Afrika Borwa ba dira palogotlhe e e ka nnang 5% fa 95% ya mohair e rekisetswa ntshetso-ntle. Dinaga tse kgolo di le tharo tse di rekang gotswa mo Afrika Borwa ke China, Italy le Taiwan.
Ga jaana (2018) go na le bareki-bagolo ba le batlhano, bagokaganyi ba le bararo le badiri-tlhagisi ba ba ka nnang 30. Ditlhagiswa tsa mohair tse di farologaneng di tlhagiswa mo Afrika Borwa mme di akaretsa masokisi, dikobo, duvets, disekhafo mmogo le metseletsele e mengwe ya diaparo le dilwana tsa kgabiso. Kwa dinageng-ntle, mohair o diriswa ke dikema tsa meaparo ya sešweng tsa maemo a a kwa godimo go dira disutu tse di manobonobo le diaparo tse dingwe tsa sešweng.
Mohair South Africa e neelana ka tshedimosetso ya mmaraka go barui le bodirolo jwa dipodi tsa Angora.

Dipalopalo tsa Mohair mo Afrika Borwa

Mohair o tlhagiswa mo dikgaolong tse di omeletseng tsa USA le Australia mmogo le kwa Lesotho, fela Afrika Borwa e tlhagisa 53% ya tlhagiso-gotlhe ya mohair mo lefatsheng. Lotseno lwa pele ga tuelo-lekgetho lwa tlhagiso ya mohair e ne ele madi a a ka nnang R529 million ka 2015. Ntshô-tlhagiso ya 2015 (2 500 tons) e ne e wetse tlase thata fa go bapiswa le dipalopalo tsa ntshô-tlhagiso ya 2006 e e neng e ka nna 3 700 tons. Sebaka segolo sa kwelotlase eno e ne ele komelelo e e tseneletseng e e neng ya itemogelwa kwa bogolong jwa karolo ya dikgaolo-tlhagiso tsa porofense ya Kapa Botlhaba. Ka 2006 tlhwatlhwa ya mohair e ne ele R78/kg fa go bapiswa le 2018 mo tlhwatlhwa e fitlhileng go R250/kg.

Mathata a Tlhagiso ya Mohair

Afrika Borwa e santse (ka 2018) ele ka fa tlase ga kgatelelô e kgolo gotswa komelelô e e tsweletseng kwa bogolong jwa dikarolo tsa dikgaolo tse di tlhagisang mohair. Dikarolo dingwe di amogetse pula e e neng e tlhokwa thata, fela batlhagisi ba le mmalwa ba santse ba dirisa madi ale mantsi mo phepông ya tlaleletso (le go e tsamaisa) go ka phedisa diphologolo tsa bona.
Fela, go santse go na le tlhokege e e siameng ya mohair mme mebaraka e ntse e tsepame kwa marekelong a kgaisanelo-tlhwatlhwa ale mmalwa a a fetileng.
Dikgwetlho tse dingwe mo bodirelong jwa mohair mo Afrika Borwa di akaretsa tlhaelo ya didiro tse di tala go goroga ka nako e e maleba, tlhwatlhwa e e kwa godimo ya go busetsa gape metšhine e e senyegileng ya go phetola, kitso le bokgoni tse di potlana ka ga masela mmogo le molaotheo wa badiri o o gagametseng go ka thapela tlhagiso goya ka setlha.

Translated by Nchema Rapoo