Nosetso Ya Mafulo

© U.S. Geological Survey

Go nosetsa mafulo neng le kelo ya metsi a a tlhokegang? Kgotsa e bile go botlhokwa go nosetsa? Go ya ka lefelo, pula e ka neelana ka bongola bo bo lekaneng mo dijalong tse di rileng, fela ka dinako tsa dipaterone tse di fetogang tsa maemo a bosa, nosetso ga jaana gantsi e a tlhokega go tlaleletsa pula.

Metsi a mantsi go fetisa, ntle le go ba tshenyo e bile go nna le theko e e kwa godimo, gape e ka fofora dikotla le go tlhola mmu gore e tlale metsi. Ka kganetso, metsi a mannye thata a ka diegisa go gola.

Ditlhokego Tsa Go Nosetsa Dijalo Tsa Phulo

Tlabere
Tlabere e jalwa kwa mafelong a maleba a ntshokuno ya bojang ba mabele. Tlabere e tshweu le e khibidu e tlhoka 800 mm kgotsa go feta ka ngwaga. Nosetso: 25 - 50 mm ka beke. Itshokelo e e bokoa ya komelelo. Tlabere ya Balansa e ka jalwa kwa tlase ga 350 mm ya pula fa tlabere ya Berseem e tlhoka pula ya palogare e e fetang 600 mm, kgotsa kwa tlase fa e tlaleletswa ka nosetso.

Leoto la mokoko
Leoto la mokoko le mela sentle mo mafelong a tsiditsana a pula e e fetang 900 mm. E direga sentle mo nosetsong fela e seng sentle jaaka dijalo tsa phulo tse dingwe.

Eragrostis Tef
Ga go na nosetso e e tlhokegang ya tef ka fa e mela sentle kwa tlase ga masimo a omileng moo pula e fetang 400 mm.

Matlhokwana
Matlhokwana gantsi a jalwa mo mafelong ao pula e nang thata mme a tla una mosola go tswa mo nosetsong mo nakong ya dikgwedi tse di omileng mariga mo mafelong a pula e nang selemo. Ke ya maleba go jalwa mo masimong a metsi a leruri kgotsa mmung o o kolobileng.

Bjang bja nare ya mogatla wa phokoje
Bo itshokela komelelo thata, mogatla wa phokoje o ka mela mo maemong a pula e e tlogang go 100 mm - 1 000 mm ka ngwaga, fela e ka se itshokele mmu o nang le metsi a mantsi. Kwa tlase ga nosetso, furu e ka bunwa go fitlha makgetlo a lesome ka setlha ka kgaotso ya malatsi a 35 go ya go 40.

Bojang ba kwa Guinea (Panicum bogol)
Metsi a a fetang 500 mm ka ngwaga a tlhokega go jala sejalo se sentle sa bojang ba kwa Guinea.

Bojang ba Kikuyu
Pula e e fetang 750 mm e a tlhokega mo ntshokunong ya Kikuyu, fela e ka mela mo mafelong a pula e nang ga nnye moo nosetso e tshwanetseng go tlaleletswa ditlhokego tsa metsi.

Luserene
E maleba go jalwa mo phulo ya mo masimong a omileng moo pula e nang e le kwa tlase ga 500 mm, dipuno tsa luserene di a tokafala kwa tlase ga maemo a nosediwang.

Paspalum
E ka nosetswa kgotsa di jetsweng mo maemong a kwa fatshe ga masimo a omileng mo pula e leng bonnye ba 650 mm.

Bojang ba Rhodes
Rhodes e mela ka tlhago mo mafelong a omileng a kwa Kapa Botlhaba fela e ka mela mo mafelong a boboatsatsi ba kwa tlase a pula ya 400 mm - 1 000 mm.

Bojang ba furu (ngwaga ka ngwaga)
Ga se ba maleba mo ntshokunong ya kwa masimong a omileng. Bojang ba furu bo tshwanelwa ke go jalwa kwa mafelong a nang le palogare ya pula ya selemo e e fetang 1000 mm. Nosetso e e atlenegisitsweng mo mefuteng ya mmu e mentsi ke 25 mm mo malatsing mangwe mangwe a 4 go ya go 5 fa bo jetswe ka Ferekgong/Tlhakole go tloga fao 25 mm ka beke ka nako yotlhe ya kgolo

Bojang ba furu (ngwaga otlhe)
Bo maleba go ntshwakuno mo mafelong a a fodileng moo pula e phatlalalang mo setlheng le go feta 1000 mm.

Bojang ba monwana ba Smuts
Bo ikamantse le mafelo a omileng mme bo rata pula ya selemo e e fetang 500 mm. Ga se ba maleba mo mebung e e nang le metsi a mantsi.

Mabelethoro
Jaaka sejalo se se itshokelang komelelo, mabelethoro a maleba mo mafulong a masimo a omileng kgotsa mo pula e leng 400 mm kgotsa go feta.

Babala kgotsa lebelebele la pheta (Pennisetum glaucum)
Gape ke sebjalo sese itshokelang komelelo, babala ke ya maleba mo mafulo a omileng kgotsa mo pula e leng 400 mm kgotsa go feta. Ga bo itshokele mebu e e kolobileng.

Bojang ba lerato bo bo lelang (Eragrostis curvula
Bojang ba lerato bo rata mebu e bofefo le pula e e fetang 650 mm fela bo ka tshela ka pula ya palogare ya 450 mm. Nosetso e ka tlaleletsa pula.

Go Nosetswa Mafulo Neng

©Chris Daly

Poeletso ya nosetso e laolwa ke mefuta ya diphedi tsa dijalo, go nna gona ga metsi, diteng tsa metsi mo mmung, kelo ya moyafalo-phufulelo le boteng ba medu ya sejalo sa phulo. Lekgotla la Dipatlisiso tša Metsi (WRC) le atlenegisa gore nosetso nngwe le nngwe, mmu o tshwanetse go tliswa mo botlalong ba tshimo mo kgaolong ya medu ya phulo. Go e baa bonolo, se se raa gore dinosetso tse diteletsana, go se gantsi.

Ka metlha, nosetso e diriswa kwa morago thata seo se tla tlhlolang tiego mo nontshong ya naetrojene. Ka tlwaelo, monontsha o o diriswang morago ga moo phulo e futsweng kgotsa go kgaolwa ga furu le pele ga nosetso.

Translated by Lawrence Ndou