Nontsho ya mafulo e botlhokwa, bobedi mo kgatong ya jalo le gape kwa morago ge o tlhokomela mafulo. Maikaelelo a nontsho ya mafulo ke go netefatsa gore phulo e na le phepo ye e tlhokegang go tsweletsa diphologolo le go tsweletsa tse di bolang tse di omileng go fepa diruiwa.
Go ya ka melawana ya agroecology, phepo ya mmu e botlhokwa go feta phepo ya dijalo. Ka jalo, ntlha ya masimololo go ya ka lenaneo la nontsho e swanetse go nna patlisiso ye e maleba ya mmu go netefatsa ditsweletsi tsa mmu le ditlhaelo tsa dikotla kgotsa go fetisa.
Kelo ya pH e tswa go 0 go ya go 14 le pH ya 7 jalo ka ntlha ya boema bo bo mo gareng. Kwa tlase ga pH ya 7 ke ya esiti mme pH ya kwa godimo ga 7 ke alkali. Maikaelelo magolo ka go siamisa gwa pH ya mmu ke go siamisa boesiti ba mmu jaaka pH ya mmu e tsaa karolo kwa go nneng gona ga dikotla mo mmung.
Go oketsa kalaka ya temothuo go neela dikotla tsa sejalo tse di tlhokegang jaaka kalasiamo le maknisiamo, e ka fokotsa maemo a botlhole jwa aluminiamo le go oketsa go nna gona ga foseforo (P) mo mmung.
Mo mebung ya esiti ya pH e e kwa fatshe ga 6, go nna gona ga naetrojene ya sejalo go a nanya. Gape, go nna gona ga dikotla tse dinnye tsa mankanese (Mn), tshipi (Fe), koporo (Cu), zinki (Zn) le boron (B) go na le go fokotsega ge pH ya mmu e oketsega – fa mmu o nna alkaline.
Majang le menawa di farologane ka kgotlelelo ya tsona ya pH ya mmu. Majang a ka kgotlelela pH e kwa fatshe, le ge e le gore go na le go tlhaela ga kalasiamo (Ca) kgotsa maknisiamo (Mg), tiriso ya kalaka ya mmu e a tlhokega.
Menawa e batla mmu wa esiti ye e lekanetseng go ya bogareng go ntsha poelo e e siameng, le tswelelong ya twatsi ya Rhizobium, tseo di leng bohlokwa mo tiragatsong ya go siamisa naetrojene ya menawa mo mmung. Ditiriso tsa kalaka ya temothuo di ka farologana magareng ga kalaka ya kalasiamo khaboneiti kgotsa dolomaete mme e tla laolwa ke maemo a tlhaelelo.
pH ya mmu e na le go fokotsega (go nna eisiti) fa menontsha e e leng kwa fa tlase ga amonium e diriswa kgotsa fa phesente e kgolo ya menawa e jetswe.
Ditlhokego tsa fosforo mo mafulong a majang gantsi a nyaditswe le ge e le gore mafulo a bojang a a ka tshela mo maemong a kwa fatshe a fosforo, poelo ya phulo e tla nna kwa fatshe ga kgonagalo.
Ka ntlha kamano magareng ga naetrojene le fosforo, fosforo e nna e e botlhokwa go fetisa ge naetrojene e diriswa mo phulong. Fosforo (P) e botlhokwa thata mo ntshokunong ye e atlegileng ya menawa tota mafulo a luserene e e nosetswang. Sekao, ditlabere gantsi di gola kwa mafelong a pula e ntsi, moo P le ditiriso tsa kalaka ya temothuo gantsi di tlhokegang.
Ge phulo e fudiwa, potasiamo (K) e ka nna 90% e tsewa go ya godimo ke diruiwa tse di fulang mme busetswe mmung ka motshetelo le moroto. Le ge go ntse jalo, ge e le gore mafulo a segwa ka metlha ka ntlha ya furu kgotsa letseto, potasiamo e a tloswa.
Sekao, 10 kg ya potasiamo e tlositsweng mo godomo sa tone nngwe le nngwe ya bojang ba lerato bo bo (Eragrostics curvula) robilweng. Tiisetsa maemo a maleba a potasiamo mmung ka ditiragatso tsa ngwaga ka ngwaga.
Naetrojene (N) e botlhokwa mo ntshokunong e e atlegileng ya bojang. Mo lenaneong le lengwe le lengwe la nontsho, go tshwanetse ga nna le tekatekano magareng ga naetrojene le dikotla tse di jaaka fosforo le potasiamo, maemo a tshwanetse go amanywa le bongola le mohuta wa phulo. Naetrojene e ka diriswa go fitlhla mo dinakong tse di thataro le makgetlo a tiriso a tla laolwa ke mehuta ya phulo, ntshokuno, botelele jwa setlha sa go mela, maemo a bosa le fao motlhape o robalang gona. Mafulo a melang ka selemo a dirisa naetrojene ka tshwanelo mo masimololong a setlhl sa go mela mme go ka nna molemo go khupetsa kwa godimo sentle.
Menawa le dinoko tsa Rhizobium tseo di medileng sentle ga di tlhoke naetrojene. Fa e le gore monawa o mošwa o fetogele ka mo boserolwaneng, se se ka kaya gore twatsi ya Rhizobium ga e ise e simolole go siamisa naetrojene e e tswang kwa moweng kgotsa sejalong se ka bo se tshwerwe ke tlhaelo ya naetrojene. Go khupetsa ka naetrojene go ka rarolla bothata bo.
Tlhaelo ya dikarolo tsa tatediso tota molybdenum (Mo) e ka thibela ntshokuno e e siameng ya menawa, fela di ka fokotswa bonolo. Teko ya mmu le keletso e e tswang go moeletsi wa tsa temothuo di atlenegisitswe.
Tsweetswe ela tlhoko: Tshedimosetso e ke ya maikaelelo a thuto le tshedimoso fela mme ga e a tshwanela go rarollwa jaaka keletso ya monontsha. Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga phepo ya mmu wa gago le nontsho ya mafulo ikgolaganye le mothekeniki wa temothuo kgotsa morekisi.
Translated by Lawrence Ndou