Nelson Mandela – Monna wa Feloboyo ka Archbishop Desmond Tutu

© Eric Miller

A re a Lora?

Ka Latshipi la morago ga gore Nelson Mandela a tlhophiwe jaaka Tautona, batho ba le 30 000 ba ne ba tsenela thapelo ya ditebogo kwa FNB Stadium gaufi le Soweto.

Ke ne ke dutse fa thoko ga Nelson Mandela, Tautona e e sa tswang go tlhophiwa mme ke ne ka mmotsa, “O ikutlwa jang? O nagana gore seno se a diragala ka nnete?”. Ka setlwaedi, o ne a fetola: “Ke gopola se Leah go begilweng a se buile kwa New York fa moambasatara wa Norway a ne a tlile go bega gore o fentse Nobel Peace Prize ya 1984.”.

O ne are, “Re ne ra inota go netefatsa fa re ne re sa lore.”. Ke rile “ka setlwaedi”, ka gonne monna yono a ka nna le tlotla le tlhomphego, fela a nne gape boikobo le go tlwaêlêsega, fela selo seno sotlhe se santse se na le mokgwa wa toro. Re ne re tshwanetse ke go inota kgapetsa-kgapetsa go netefatsa fa re phaphame.

Tlhomphego ka Bophara

Ka Tlhakole 1990, monna yona e ne e santse e le mogolegwa, o ne a golegilwe dingwaga di le 27 ka ntlha ya go nna le sebete sa go umaka fa ene le batho ba gagwe, ee, gore le bona ke batho le gore ba na le ditshwanelo, tse di akaretsang tshwanelo ya go nna le seabe mo ditshweetsong tsa sepolotiki mo lefatsheng la bona.

Ka go nna mabela gono ênê le bontsi jo bongwe ba ne ba golegwa, bangwe ba ne ba ya kwa dinaga-botshabelo mme bangwe ba nyeletse. Nelson Mandela o ne a kaiwa ke bontsi jwa basweu ba maAfrika-Borwa fa e le motshosetsi, mme gongwe fa e le diabolo, yo o siametseng go notlolelwa. Re bone phetogopopego e e gakgamatsang e diragala mo pele ga matlho a rona.

Yono, yo o neng a kaiwa fa e le dimo sebaka se se leele, o fetogile gore gompieno a tlhomphiwe ke bao ba neng ba mo tlhoile malobanyana fale. Ga gona phoso e a ka e dirang. O kgatlhile le bo “bitter einder” ba dipelo tse di thata – botlhe ba ja ka boitumelo go tswa mo seatleng sa gagwe mme ga gona pelaelo gore ke tlhogo ya naga e e tlhomphegang ka bophara.

Basweu ba maAfrika-Borwa ba thopilwe ke bopelotshweu jo bo kgatlhisang jwa gagwe le ketleêtsêgô ya gagwe ya go itshwarela le go dira sengwe le sengwe go ka rotloetsa kagô setšhaba le poelanô, nako dingwe ka go tena bangwe mo baaging ba bantsho. "Monna wa feloboyo o siame thata ka gonne ke motho ebile o na le makoa a gagwe." - Archbishop Desmond Tutu

Translated by Nchema Rapoo

Mandela, The Moral Voice of Africa

Kwa kopanong ya OAU kwa Tunis ka Seetebosigo 1994, mmegadikgang o tlhalositse Mandela jaaka “Lentswe la tshiamo la Afrika”....more

Nelson Mandela our beloved President by Raymond Louw

E ne ese fela gore one a apere hempe ya di’Springbok, kwa motshamekong wa makgaolakgang a Rugby World Cup, fa Afrika Borwa e bona sekgele ...more