Nelson Mandela – Mopresidente wa rona oo Rategang ka ga Raymond Louw

© Eric Miller

Madiba ka hempe ya di’Springbok

Tsela e Nelson Mandela a fetogileng go tswa go Lenaba la setshaba le legolo go nna moganka o a bidiwang “Mopresidente wa rona” ka yone, mo menaganong ya batho ba Afrika Borwa e gakgamatsa thata. Ke raya le bao ba leng kwa matlhakoreng a majelathoko. E ne ese fela gore one a apere hempe ya di’Springbok, kwa motshamekong wa makgaolakgang a Rugby World Cup, fa Afrika Borwa e bona sekgele kwa metshamekong ya bone ya ntlha kwa dikgaisanong tseo.

Mme letshwaothalo leo le dirile gole gontsi. Monna mongwe yo a neng ale wa leloko la AWB (Afrikaner Weerstandbeweging kgotsa Afrikaner Resistance Movement) one a leletsa seteishene sa radio ebong 702, ka mosupologo oo latelang motshameko oo gore tshegetso ya mopresidente e mo amile ka tsela e kgolo thata gore a feleletse a tsere tshwetso mo mosong oo, ya go tlogela mokgatlho oo.

E ne ese fela gore mopresidente one a tlhagile kwa motshamekong oo, a apere hempe ya botala le gauta ee nang le nomore ya 6 (nomore ya mokaptene wa setlhopha Franscios Pienaar) kwa morago se se dirileng seo, mme e ne ele tshegetso ya gagwe ee maleba ya setlhopha sa setshaba. O ne a leletsa setlhopha makgetlho a le mantsi go ba lakaletsa matlhogonolo.

E bile o lwele thata gore letshwao la “tshepe”, e eleng letshwao la di’springbok le nne lele teng, le fa go ne go na le ba baleng kgatlhanong le tshwetso eo mogo batho bantsho bale bantsi ka ga bene ba sa rate letshwao leo, bare ke letshwao la apartheid, ebile ba batla gore le fetolelwe go letshwao le le mebalabala la sethunya sa Protea.

Seatla sa Madiba sa digakgamatso

Dipuisano dile dintsa magareng ga gagwe le moeteledipele wa Freedom Front mogenerale Constant Viljoen ka kgang ya Volkstaat le dipuisano le mekgatlho ya badira ka temothuo ba baAfrikaner le tsone di thusitse go seemo sa gagwe mo setshabeng sa baAfrikaner, mme ene ese seo fela, sekgatlhi sa gagwe, maitseo, kamogelo le boammaaruri jwa gagwe bogolosetona seatla sa gagwe sa digakgamatso di dirile gole gontsi.Translated by Ikalafeng Maedi

Benjamin Pogrund's Favourite Mandela Story

Mogare ga dipolelo dile dintsi Mandela, se ke se ratang ke se ke se boleletsweng ke Jules Browde, mmuelli wa mosweu, o itsegeng thata wa kwa...more