Nelson Mandela A Bua Morago Go Dira Tlhopho Ya Gagwe

© Dr Peter Magubane
Nelson Mandela morago ga go dira tlhopho ya gagwe mo ditlhophong tsa Afrika Borwa tsa ntlha tsa temokrasi tsa 1994 gaufi le Durban.
Nelson Mandela o keteka bokhutlô jwa tlhaolele mmogo le kgololosego ya merafe yotlhe ka go dira tlhopho ya gagwe mo ditlhophong tsa ntlha tse di gololosegileng tsa Afrika Borwa tsa batho botlhe ba yona. Makoko a dipolotiki a le somerobongwe a ntse le seabe mme batho ba le 22 million ba tlhopha. Go tshwantshitswe fano Mandela a fana ka lefoko go bobegadikgang morago ga go dira tlhopho.
Thulaganyo ya kgaolo-botlhophi e a diriswa mo Afrika Borwa, e e tshwanang le ya kwa dinageng tse di jaaka United Kingdom. Afrika Borwa e kgaogantswe ka dikgaolo-tlhopho tse di bitswang constituency. Ke fela batho ba ba dulang mo kgaolong-tlhopho eo ba tlhophang mogaisanela-ditlhopho o ba mo ratang. Mogaisanela-ditlhopho yo o fentseng o ya kwa palamenteng jaaka moemedi wa kgaolo-tlhopho eo. Batlhophi ba kwadiswa mo kgaolong e e rileng ya tlhopho mme ba tshwanetse go feta dingwaga di le 18.

“Ga gona selo se gotweng ke kagiso-nyana.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more