Diphostara tsa‘Mandela Go Nna Tautona’ kwa Moletlong wa ANC wa go Ingokela Batlhophi

© Dr Peter Magubane
Dipampiri-ipapatsô tsa ‘Mandela go nna Tautona’ mo gare ga boidiidi jo bo itumetseng kwa moletlo-mogolong wa go ingokela batlhophi wa ANC kwa FNB Stadium gaufi le Soweto.
Ka 1994, Afrika Borwa e ne e ipaakanyetsa ditlhopho tsa yona tsa ntlha tse di gololosegileng tsa merafe le baagi botlhe. Mo pheretlhêgông ya go khutlisa go kganelwa ga makoko a se polotiki, go gololwa ga mogaka wa kgaratlho ya sepolotiki Nelson Mandela le dipuisano magareng ga mmuso wa tlhaolele le African National Congress (ANC) go ne go itshupile thata. Dipaakanyô tsa ditlhopho di ne di akaretsa dikokoanô tsa bontsi le boitumelo ka kakaretso. ANC e ne ya fenya ditlhopho mme Nelson Mandela a tlhophiwa jaaka tautona ya ntlha ya montsho ya Afrika Borwa. O ne a isa Afrika Borwa kwa tlhabong e ntšha ya temokrasi mme a neela baagi maikutlô a tsholofelo le katlego.

“Ga gona motho a le esi yo a ka gololang naga. O ka golola naga fela fa o dira jaaka setlhopha.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more