Natal Mahogany
Mosikiri

© Shem Compion

Leina

Mosikiri [Trichilia emetica]

Leina La Se-Latin

[Trichilia emetica]

Thanololo

Talafalelaruri eno e kgolo, ena le korone e e sephara mme e aname, e e dirang moriti o o kitlaneng. Matlhare a mantle, a botala jo bo tseneletseng jo bo phatsimang. Dithunya tse di nkgang monate di mmala o o botala jwa lobebe mme di tlhoga ka dingatana tse di kitlaneng.
O itshokela komelelo ya mariga e e tlwaelegileng le segagane ka bonnye. Lekwati le borethe mme le borokwa jo bo tseneletseng go ya kwa bosetlheng ka mmala. Ke setlhare se se tlhotlhoregang, se se ka golelang go boleele jwa 20m.
Matute a gogela dinotshi le dinonyane. Maungo a a kgolokwe a phatlhoga fa a ungwile, go tlhagisa dithôtse tse khibidu le bontsho tse di jewang ke dinonyane. Ka nako e e rileng setlhare se tlhoga fela dithunya tsa tona, ka jalo se ka se tswe maungo.

Ditiriso

Dikgabo di ja dithunya fa ditshwene le sikaloopodi di ja maungo. Batho ba selegae ba inela dithôtse mo metsing, tse di tlogelang sere se o ka reng maši, se ka nako dingwe se jewang ka spinach. Dithôtse di jewa gape ke mefuta e mengwe ya dinonyane.
Mafura a a ntshiwang go tswa mo dithôtseng a dirisiwa go tsa ntlafatso ya letlalo mme gape a dirisiwa go thusa mo kalafong ya marapo.
Legwati, le le dirilweng lorole, le dirisiwa jaaka molemo wa go tlhatsisa le go peita mme le ka dirisiwa gape go dira sefetolammala se se pinki. Dithunya di thunya magareng a Phatwe go ya Ngwanatsele mme leungo le fitlhelwa magareng a Sedimonthole go ya Moranang.
Logong lo dirisetswa go betla, go dira diletswa tsa mmino, didirisiwa tsa mo ntlung, fenetšhara, molangwana wa metshameko kana bat le mekoro.

Tulo

Di ka fitlhelwa kwa dikgweng tse di bulegileng le kwa nageng e e kwa dinokeng. Di ka fitlhelwa go tswa kwa Sudan go fitlha KwaZulu-Natal, mo Afrika Borwa.

Dintlha Tlhagiso

Le fa dithôtse tsa Mosikiri di jega, go botlhokwa go itse gore letlapi la tsona le botlhole.