Nara Plant
Semela Sa Nara

Leina

Semela Sa Nara [Acanthosicyos horridus]

Matseno

Acanthosicyos horrida e bopa kgwethe ya dimela mo dithoteng tsa kgaolo ya Sossuvlei gaufi le Walvis Bay. Acanthosicyos horrida ke semela sa cucurbit se se phelang nako e telele mme se kgaogane go ya ka bong, se fitlhelela boleele bo ka nna 1.5m. Se bopa dimela tsa bong bo le nosi mo kgwetheng e le nngwe e e ka kgomang dimela tsa bong ka tsone kgotsa jo bo farologaneng tse di mabapi. Sena le medi e e tsenelelang kwa boteng go batlana le metsi.

Dimela ga dina matlhare mme dina le mokgwa wa go ungwa maungo a makima a le kgolokwe a a fitlhang go 25cm ka bophara. Dimela di kgona go aga megogolô ya mmu go di dikaganyetsa mme di tswelele go gola go nna fa godimo ga megogolô eno. Dimela tse diša di mela fela fa pula ena mme ka bonako di mele medi e e golelang go ya kwa boteng go batlana le metsi.

Maungo a Semela sa Nara

Maungo a ka nna a sa katogana mme a ka tlhoga ka ditlhotshwana tsa a le mmalwa a a kgomanang. Maungo a mebitlwa. Go ungwa go diragala mo magareng a Tlhakole le Morananag.
Maungo ga a fetole mmala mme a dula a le matala kwa ntle, fela monônô o o dikaganyeditseng thôtse ga o ikamanye le letlapi, o nna mmala wa namune, o botshe thata ka tatso mme o monkgo monate. Go ungwa ga leungo go lemogiwa ke Basarwa ba ba dulang mo kgaolong ntle le go le thuba. Basarwa ba dirisa maungo mo mabakeng a magolo a mabedi.

Mesola ya Maungo

Wa ntlha ke go ntshiwa ga dithôtse tse di jewang e le dithapo ka go phuphuriwa mo ganong, mme wa bobedi ke go bereka sethugwa ka go bedisa monônô le go o tshela go dira letlalo la maswabi a leungo. Letlalo leno le jewa go ya ngwaga otlhe mme tatso ya lona e kwa tlase mo go ya sethugwa.
Semela seno ka jalo ke motswedi wa dijo o o botlhokwa, ka ntlha ya fa go le bonolo go boloka dithôtse le sethugwa se se omesitsweng (letlalo). Maungo a jewa gape fa a le mannye ke diphologolo di etsa phokojwe le magotlo, tse di lebegang di sa tshwenywe ke tatso e e bodila e e bakwang ke cucurbitacins.

Dithôtse

Sethugwa se se ungwileng se na le tatso e e monkgo monate mme gongwe seno ke ntlha ya dikarolwana tsa sulphur jaaka tse di mo mefuteng e mengwe ya Cucumis melo L. Ga gona tatso ya cucurbitacins e e utlwalang mo sethugweng se se ungwileng. Sethugwa se ka rekiswa mme sa dirisiwa go dira ice cream, se ka omisiwa ka go tsidifatswa mme sa apeswa ka chocolate. Dithôtse tse di setseng di rekisetswa morafe wa Yuropa kwa Walvis Bay, di ka rekiswa di ntse fela jalo kgotsa di ôbotswe di tsentswe mo dikgetsaneng tsa matokomane, e le go oketsa mmaraka wa tsone.

Go nna gone ga tsone ka bonnye go ka oketsa tlhwatlhwa ya tsone le go thusa Basarwa ba kgaolo eno ka madi. Madirelo a di ice cream le a go omisa ka go tsidifatsa a bokgakala fela jwa 30km go tswa mo Baswareng. Tirisano-mmogo le madirelo a a nang le kgatlhego ya go rekisa sethugwa se se monkgo monate se se tshwanang se le nosi sa Acanthosicyos horridus e ka agiwa go tokafatsa matshelo a tsa madi a banni ba kgaolo eno.

Marotse A Nara

Dikalana tsa semela sa Nara tse di mebitlwa ka botala (di phela ka mokgwa wa photosynthesis) di letleletse go sa nne le matlhare gotlhelele. Seno ke bomolemô ka ga matlhare a na le mokgwa wa go senya metsi. Dimela tsa Nara gongwe ga se dimela tsa sekaka tsa nnete ka ntlha ya gore medi ya tsona e golela kwa boteng-teng go fitlhelela metsi a a kwa tlase ga lefatshe, a di a tlhokang go falola. Go tloga ka Tlhakole go fitlha ka Moranang le Phatwe go fitlha ka Lwetse batho ba selegae ba kwa Topnaar ba kotula marotse a Nara fano.