Muscate D'Alexandrie
Hanepoot

Thanololô

Muscat d’ Alexandrie ke mofuta o o kgonang go fetofetoga wa terebe e tshweu, o itsagale sentle ka go tlhagisa mefeine e e tswina. O tswa mo tshikeng ya Muscat. Go na le wa moretlwa o o pinki, o o itsagaleng ka Flame Muscat kwa Carlifonia le Rooi Hanepoot mo Afrika Borwa.

Tlhôlegô

Mofuta ono o na le tlhôlegô kwa Mediterranean. Tumelo kakaretso ke gore o tlhôlegile kwa kgaolong e e gaufi le Port of Alexandria, ke fao leina Muscat d’ Alexandrie, le gore bagwebi ba Phoenicia ba ne ba e isa kwa Greece wa bogologolo, kwao teng e neng ya phatlhalatswa le Europe.

Maina A Mangwe

E itsagale ka leina la Muscat Romain kwa dikarolong dingwe tsa lefatshe mme e bidiwa Hanepoot mo Afrika Borwa.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Go dumelwa fa e le “Spanish druyfen”, ka Setswana go raya gore terebe ya kwa Spain, e Jan van Riebeeck a e umakileng mo bukeng ya gagwe ya mananeo (diary), ka jalo go na le kgonagalo e e kwa godimo ya gore ke nngwe ya mefuta ya terebe ya ntlha go tlisiwa mo Afrika Borwa. Mofuta ono ke mofuthumatsi wa mariga o o rategang.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Diterebe di rata dikgaolo tse di bolelo di le letsatsi tse di seng bongôla thata. Di jalwa mo dikarolong tsotlhe tse di tlhagisang mofeine mo Afrika Borwa, fa Breedekloof e le yona e e nang le bogolo jwa karolo ya ntshô-tlhagiso, mme e selwe morago ke Olifants River.

Kgolô

E gola ka selekanyetso ka kgonagalo ya ntshô-tlhagiso e e kwa godimo, go simolola ka 20t/ha go ya go 23t/ha, go ikaegile ka maemo a ntshô-tlhagiso.

Go Butswa

E butswa thari, go ya kwa bokhutlhong jwa Mopitlwe.

Meretlwa

Meretlwa e mekima le kgolokwe ka letlapi le le tala mme le fetogela go mmala wa bosweu jo bo serolwananyana, okare gauta e e tswapogileng, fa e budule. Letlapi le le sesane, fela le thata, fa leungokobolwa le sena mmala mme le le matute ka tswina.

Matlhare

Matlhare a botala jo bo tseneletseng, bogolo jo bo mo magareng ka ditsebe tse tlhano.

Disinyi le Malwetse

Mofuta ono o bonolo go tsenelelwa ke moruso o mosweu, phori le anthracnose. Tshenyo ya letsatsi ke bothata, seno se dira gore matlhare, thata thata a kgale, a nne le dipatso tsa letsatsi tse di serolwana kgotsa borokwa.

Tiriso

Mofeine o itsagale thata mo sebopegong sa ona sa go nonotsha, o dirisetswa go tlhagisa Muscadel le Jerepigo, o diriswa gape mo tlhagisong ya mefeine ya mo tafoleng, bojalwa jo bo rothisitsweng, brandy, Gappa, diterebe tsa mo tafoleng, diterebe tse di omisitsweng, dinomaphodi tsa terebe le moskonfyt.

Tatsô

Mofuta ono o tlhagisa mefeine e e humileng ka monate ka monkgô wa malomô le tatsô e e tseneletseng ya mamepe le terebe e e omisitsweng.Translated by Nchema Rapoo