Mesima kwa K2 - Mapungubwe

Kgwebisano ya Selegae le ya Boditšhabatšhaba

©Roger de la Harpe
Dilo di le mmalwa di supa gore, mo dingwageng tse di fetileng, batho ba K2 ba itlhomileng mo kgaolong mme ba tshwaraganeng tswaro ya bona mo kgwebisano le lebopo la botlhaba. Sekao, makgolokgolo a dilo tsa aefori a bonwe kwa K2, go tswa go dinaka tse di tletseng go ya go mabanta a diatla go ya go maseka go ya go diphatsana.
Ka tlwaelo go dira ka aefori go amangwa le batho ba banna ba ba nang le tshwaetso, mme tse dingwe tsa botaki tse gongwe di ne di ikaeletswe tiriso ya selegae. Bontsi jwa dilo tse, le gale, di diretswe kgwebo ya boditšhabatšhaba, jaaka go bontshitse ka mefinyana ya thipa ya aefori eo go nagwang gore e ka bo e tlhamilwe ka ntata ya mmaraka wa ma-Arapo.
Mesima kwa K2 gape e tlisitse diketekete tsa dibaga tsa galase tse di tlhagang go tswa kwa Egepeto le India. Dibaga tse di botlhokwa tse, di bonwa ka mebala e e farologaneng ya go simolola ka go botala jwa legodimo go ya go botala, gongwe di ne di neelwa jaalo ka tuelo ya aefori ke bagwebi ba ma-Arapo mo lebopong la botlhaba.
Kwa bofelong dibaga di nnile dintsi gore batho ba K2 ba simolole ba di gakolosa go tlhama metswako ya dibaga, e e bidiwang ‘dirolara tsa tshingwana’. Seno se ne sa dirwa ke kgotelo ya dibaga go fitlha di nna seedi mme ba di tshela mo meuteng ya mmopa. Ke akanya gore ba dirile gore dibag di gone go akgiwa le go dira jaaka tsela ya ledi la selegae.
Dingwe tsa dirolara tsa tshingwana di fitlheletswe kwa mafelong a a sa amaneng kwa dikhilometareng tse 300 ka bokgakala. Ke bosupi jwa pele jwa ditiro tsa galase mo Borwa jwa Aforika.

Dibaga le Maseka

©David Fleminger
Mo godimo ga maseka, K2 e dirile bokanakang jwa kumo ya dibaga tsa koporo le maseka, mmogo le matlakala a tiro ya koporo (matlakala a kopore a matlapa, kopore tse di robegileng le tse dingwe tse di tswakilweng le dipeipi tsa go futswela).
Go ya ka setso, koporo le amangwa le basadi, mme mekgabiso ya koporo e ka bo e nnile le seabe mo go rapeleng badimo ke basadi.
Tshipi, ka fa letlhakoreng le lengwe, e amangwa le banna, mme dintlhana di le mmalwa tsa tshipi le dilo tse dingwe di bonwe ka mo lefelong.
Se se kgatlhisang, lefelo le le dikaganyeditseng K2 ga le na diepelwa tsa kopore kgotsa tshipi (koporo e e gaufi e fitlhelwa kwa Mussina, dikhilometara tse di ka nnang 90 ka bokgakala, mme tshipi kgakalanyana gongwe go feta.
Se se kaya gore batho ba K2 ba ne ba tshwaragane le go gweba le mefare e mengwe e mentsi mo tikologong eo e neng e na le phitlhelelo ya didiriswa tse.
Go bonala sentle, gore batho ba K2 ba ne ba tlhabolola botlhale jwa bone jwa kgwebo le go kokoanya morufašeše o montsi wa khumo le botumo jwa sepolotiki.
Gape go na le bosupi jwa gore karolo batho ba Zhizo ba pejana ba tsweletsepele go nna mo lefelong (kgotsa go boela kwa lefelong) le go nna go dikologa Lekgaba la Leokwe, diteng tsa tiragalo jaaka puso e e botlhaswa go setso se se maatla sa K2.

Nako ya Bogosi

©Shem Compion
Mo godimo ga kgwebo, maemo a rategang mo tikologong a segofaditse batho ba K2 ka ditshimo tse di nonneng le koketsego ya metlhape ya dikgomo. Se se ka nna se nnile le seabe mo go fetogeng go tswa mo kakanyong ya lefatshe la morafe go akanya ka ga tlwaelo ya thoto ya poraefete.
Batho ba bangwe ba nnile ba huma, le fa go ntse jalo, dintlha tsa loago di tla bo di fetogile mo setšhabeng go fitlhela bahumi ba ka nna ba maemo a kwa godimo ka sepolotiki. Ka jalo, go rilwe gare ka Nako ya Bogosi (e ka bo e fitlheletse bogodimo jwa yona kwa Mapungubwe) e simolotse ka nako ya 1000 morago ga leso la Kreste ka setso sa K2.

Mesima mo Matlakaleng

©David Fleminger
Ka go makatsa tota, bontsi jwa tshedimosetso e e ka se beiweng tlhwatlhwa e leng ka ga botshelo le dinako tsa K2 e nnile e e phepafaditsweng ka go leba ka leswe, Fela jaaka gompieno, batho ba K2 ba tsweleditse matlakala a ma ntsi thata ao a neng a tshwanetswe ke go latlhiwa.
Ka tlwaelo se se ne se ka dirwa ka go latlhela matlakala mo thotobolong ya matlakala, e e neg e bidiwa midden (thotobolo ya matlakala). K2 e na le palo ya dithotobolo tsa matlakala, go tswa mo ntlhaneng ya thotobolong ya boagisani e e kgolo go ya dithotobolo tsa mo lapeng tse di nnye kwa morago ga phaposi ya boapeelo ya ntlo ya bojang.
Thotobolo e e neng e le bogareng kwa K2 (e e neng e le ya dimitara di le 4 ka bokima) e nnile tsepo ya mesima e e tseneletseng, mme baepi ba dilo tsa kgale ba nnile le nako e e itumedisang ge ba sekaseka thotobolo e ya pele ga histori ya matlakala. Sekao, ditlhaloso tse di oketsegileng go tswa mo popong ya dinkgo e e fitlhelwang mo thotobolong e ya matlakala di supile gore batho ba K2 ba ne ba bua mokgwa wa pele wa se-Shona, segolobogolo se-Kalanga kgotsa se-Shona sa Bophirima.
Gompieno, lefelo la kwa K2 le na le petse e kgolo e e neng ya epiwa ka bo1930 mme go se tse dingwe tse di ntsi. Thotobolo e mo bogareng, le fa go ntse jalo, e sa ntse e bonala, mme e tlaleletswa ke diboto tse mmalwa tsa tshedimosetso tsa go tlhalosa batho ba K2 le go tlhagisa dilege tse di farologaneng tse di supilweng ke babatlisisi.
Ka bomadimabe, K2 jaanong jaana ke ga e fitlhelelwe ke baeng ba segompieno. Fela go na le maano a go e akaretsa mo lefelo la Ngwaoboswa fa setse lefelo le tlhomame. K2 e ntse mo Phakeng ya bosetšhaba ya Mapungubwe, khilometara fela e le nngwe go tswa kwa Lekgabeng la Mapungubwe.

Translated by Lawrence Ndou