Mo nakong e e fetileng botshelo ba setso ba MaZulu bo ne bo rulagantswe sentle le boitshwaro bo ne bo gatelela karolo nngwe le nngwe ya bona. Motho mongwe le mongwe o ne a na le lefelo le ditiro tse di rileng go di dira, go ya ka bong, dingwaga le maemo mo mannong (umuzi).
Pharologano magareng ga maloko a umuzi e ne ya gatelelwa ke ntlha ya gore mongwe le mongwe o ne e feta mo palo ya dikgato tse di tshwailweng sentle, ga go epe e o neng e ka tsenwa mo go yona kwa ntle ga go nna le nako ya go ipaakanya le moletlo. Kgato ya ntlha mo kgabaganyong go tswa mo bongwaneng go ya kwa bogolong e ne e tshwailwe ka qhumbuza kgotsa go phunya ditsebe, eo ngwana mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go e dirwa pele ga go fitlhelela diphetogo tsa bošwa.
Kgato e e latelang mo botshelong jwa motho e ne e le phitlhelelo ya go gola ka mmele, kgotsa diphetog tsa bošwa. Mo dinako tsa kgale, seno e ne e le tiragalo ya botlhokwa ya moletlo wa phitiso o o bidiwang thomba, o o neng o dirisiwa ka go lekana go basimane le basetsana. Ka nako ya thulaganyo ya phetisetso, basimane le basetsana ba dingwaga tsa di lekanang ba ne ba ya kwa dikgaoganyong tse di farologaneng, fa ba ne ba rutiwa ke bakaedi ka ga ditlhokego le ditiro tsa bogolo.
Paka ya kgaoganyo e ne ya tlogelwa morago ga go simolola ga thulaganyo ya amabutho (mephato go ya ka dingwaga) ya nako mo ngwagakgolong wa bo18. Morago ga moletlo wa thomba ya banna, mosimanyana o ne a bidiwa insizwa (mošwa) mme o ne a na le tetla ya go tsalana le basetsana ba ba leng mo dingwageng tsa gagwe le mo setlhopheng sa gagwe, mme o ne a sa letlelelwa go nyala.
Diphetiso dingwe tse pedi di ne di tshwanetse go dirwa pele ga seno se ka kgonega. Ya ntlha e ne e go tsenngwa go gagwe mo mophatong, kgotsa ibutho, se se ka akaretsang dingwaga tse dintsi jaaka di le 10 tsa tirelo kwa kgosing. Ya bobedi e ne e le ya go roka mo isicoco kgotsa sediko sa tlhogo, e e neng e bontsha go fitlhelela bogolo ka botlalo.
Moletlo wa Motlhaka, e e ikaelelang go godisa mowa wa boipelo mo basading ba ba botlana, e nnile tiragalo e kgolo, e e neng e tsenetswe ke basetsana ba tikologoo ya KwaZulu- Natala yotlhe. Fa e sale ka 1994, fa African National Congress o tsere puso, maiteko a dirilweng ka nako ya moletlo go o fetolela gore o akaretse ditso tsotle, mme tse ga di ise diatlege gotlhelele.
Basadi ba ba botlana le bona ba na le meletlo ya phitiso (umemulo). Mo go tseno, lelapa la ga mosadi le bolaya pholo mo go yona a tla bonang kuane ya mafura a neng a tla e apara fa a binela baeng ba ba kokoaneng. Mafura a a supa tshireletso e a tla e nayang ke badimo ba gagwe fa a tswa mo lelapeng a ya go nyalwa a tswa kwa legaeng la gagwe a ya go nna mo bonnong bo bongwe.
Translated by Lawrence Ndou