Mekaikai mo Aforika Borwa

Mo ntshokunong ya moretlwa, mekaikai gantsi go lebisiwa kwa go di-raspberry, dimmulubere le go kgabaganya ga tse jaaka di-tayberry le di-loganberry.

Pharologano e kgolo e leng di-raspberry le dimmulubere ke di-raspberry tse di faralogantsweng mo bogareng jwa didiko tse pedi (thito) mo nakong ya go butswa, mme mo dimulubereng thito e a sala. Thito e lolea e botlhokwa ya moko wa di-raspberry mme e jewa le go diragadiwa le mmulubere. Mo bogaregn jwa didiko tse pedi ga di-tayberry le di-loganberry, go tshwana le dimmulubere, di nna di le moretlwa fa di nopotswe.

Ntshokuno ya mokaikai wa bogwebi e sa ntse e le nnye thata mo Aforika Borwa, fela e a oketsega ka ntlha ya tlhokagalo ya dijo tse di siameng. Dijalo ka kakaretso di bopa ditlhatshana tse di tlhabang tse di tlhokang letsatsi ka botlalo, go ya fela ka mofuta, di tshegetso tsa dipoelo tsa ntshokuno. Di dira sentle mo mebung e e eledisang metsi botoka e e botlha ya pH ya 5.6 - 6.2.

Translated by Lawrence Ndou

Dimmulubere

Tlhago ya matota ya dimmulubere ga e itsege ka ntlha ya gore go na le mefuta ya ditshedi e e farologaneng mo lefatsheng lotlhe....more

Borekhu bo Bokima

Borekhu bo bokima ke ba tlholego kwa Asia, Amerika Bokone, le Yuropa. Di ne di ntse di itumelelwa kwa Geriki ka dinako tsa bogologolo....more