Mebaraka ya Thuonong

© Chris Daly

Pele o ka simolola go gweba ka kgogo, o tshwanetse go akanya ka gore o tlile go rekisa setlhagiswa sefe le gore kwa kae. O ka sweetsa go totana le go tlhagisa mae, go tlhagisa nama, go tsadisa dikgogo, go elamisa mae kgotsa go dira tsotlhe tseno fa o rua dikgogo tsa tiroso-pedi. Fela gopola gore karolwana nngwe le nngwe ya tseno e kgethegile e le tota, ka jalo go ka fa tlhogo gore o tlhophe karolwana e le nngwe fa o batla go ya mankalakaleng.
Pele o ka reka dikgogo tsa gago kgotsa didiriswa, o tshwanetse ke go supa mmaraka wa gago, gore mmaraka o tlhoka eng, gore o ikemiseditse go duela bokae le gore go tlile go go ja bokae gore o tlhagise setlhagiswa seno. Go ka nna botoka e le ruri fa o ka ikgapela mmaraka pele o ka simolola tlhagiso.

Mmaraka wa Broiler

©Chris Daly
Dikgogo tse di tlhagisetswang nama di bitswa di-broiler. Mmaraka o o laolwang o ipaakanyeditse go tsaya dikgogo tsa bokete jo bo ka nnang 1,8 kilogram, fa mmaraka wa dijo tsa ka bonako o batla dikgogo tse di nnye. Mebaraka ya kwa Yuropa le Amerika e batla dikgogo tse di kgolo go feta tsa mo Afrika Borwa, ka gonne ba ja fela nama ya mo kgareng le maphuka. Dikarolwana tse di setseng tsa kgogo, jaaka dirope, di kaiwa fa e le ditlhwagiswa tsa fa thoko mme di romelwa ntle.
Mmaraka o o sa laolweng wa mo Afrika Borwa le ona o ka batla dikgogo tse di kgolonyana mme gona le mefuta e e rileng ya kgogo e o e ratang. Batsadisi ba dikgogo le batlhagisi ba mae le bona ba itirela madi mo mmarakeng ono ka dikgogo tse di dirisitsweng, tse di fetileng nako ya go tlhagisa mae kgotsa ya go tsadisa. Dikgogo tse di rekiswang jaaka tse di dirisitsweng di bitswa Cornish kgotsa Rocks kwa metsesetoropong. Dikgogo tse di dirisitsweng di di kgolo, di godile mme ka jalo nama ya tsona e thata go feta ya dikgogo tse di rekiswang jaaka di-broiler.

Melawana ya Mmaraka

Ditlhokego dingwe di tshwanetse go akanngwa. Dikgogo di tshwanetse di godiswe ka botho mme di bolokesege go ka jewa – se ga se buisanelwe mo mmarakeng ofe kgotsa ofe. Gantsi batlhagisi ba ba batlang go tlamela mmaraka o o laolwang ba tshwanelwa ke go latela melawana e e gagametseng thata ya polokesego ya dijo le ya tlhagiso, gona le fa ba tlamela mmaraka o o sa laolweng, melawana eno gape e a farologana go ya le ka marekelo.
Melawana ya go rekisa dikgogo jaaka free-range le yona e tlile go farologana go ya ka marekelo mme e gagamale le go feta fa o batla go rekisa dikgogo jaaka free-range ya tlhokakhabone, ka fa seno se tlile go nna le seabe mo mofuteng wa phepo le melemo e e ka fiwang dikgogo.

Nako ya Tlhabo

©Chris Daly
Potso e nngwe e e botlhokwa e e tshwanelwang ke go akanngwa ke gore dikgogo di tlile go rekiswa fa di le kana kang. O tlhoka go bala tlhwatlhwa ka letsatsi ya go tshola dikgogo mme o supe nako e dikgogo di tshwanelwang ke go rekiswa ka yona, go di thibela go ja lotseno lwa gago lotlhe.
Seno se tlile go nna botlhokwa thata mo thulaganyong eo dikgogo di tlhagiswang ka thulaganyo-tlhagiso e e tseneletseng, e mo go yona di fepwang ka go fetelela gore di golele ka bonako, gona le mo thulaganyong eo dikgogo di tlogelwang gore di itopatopele dijo ka botsona. Nako e e mo magareng ga lotseno le tatlhegelo ya madi mo thulaganyo-tlhagiso e e tseneletseng gantsi ke mo magareng ga matsatsi a le 32 le dibeke di le thataro.

Tsenyo-Boleng

A dikgogo di tlile go rekiswa di tshela kgotsa di sule? Nngwe ya dipoelo tsa go rekisa dikgogo tse di tlhabilweng mo mmarakeng o o sa laolweng ke gore barui ba kgona go gatsetsa dikgogo go falola dinako tse ka tsona tlhokego ya nama e leng kwa tlase. Gape go ka ba letla go tsenya boleng mo nameng ka go rekisa dikarolwana tsa kgogo.
Ditlamorago tse di sa siamang ke gore go gatsetsa nama go tlile go isa tlhwatlhwa ya motlakase kwa godimo, gape go tllhoka setsidifatsi sa tlhwatlhwa-godimo le didiriswa tsa go tlhaba mme gape le lefelo la tlaleletso. Mo godimo ga fano, barui ba letleletswe go tlhaba dikgogo gore di jewe ke bona mme eseng gore ba di rekise, ntle fela le fa di tlhabiwa kwa matlhabelong a a letleletsweng, go ya ka Meat Safety Act.
Barui bangwe ba efoga kgwetlho eno ka fa bareki ba bona lefelo le ba ka itlhabelang dikgogo mo go lona, mme ba bangwe ba dira bojotlhe jwa go ikagela matlhabelo le mafelo a go segelela nama.

Tshupo

©Chris Daly
Potso e nngwe ke gore a o tlile go dirisa tshupo go dira gore setlhagiswa sa gago se itshupe go tswa mo ditlhagisong tsa ba bangwe. Seno se ka tswa se se botlhokwa fa o simolola, fela se ka thusa mo go itshupeng ga gago go bagaisani ba gago fa o setse o ikemetse sentle.

Translated by Nchema Rapoo