Matsopa a Mangwe a Dikolobe
Kolbroek
©Jens-Birger Gielbelmann of Zenzele Farm
Kolbroek ke letsopa le le tlholegileng mo Afrika Borwa. Go na le dikakanyô tse di farologaneng ka ga tlholego ya letsopa leno le gore le bone leina la lona jang, mme nngwe ya dikakanyô ke gore leina le kaya tebego e e dikôlô ya letsopa ka ge lefoko la Afrikaans “Kolbroek” le ka fetolelwa go “borokgwe jo bo dikôlô” kana “spotted pants” ka English.
Letsopa le siame thata mo tlhagisong ya kwa ntle, ka ge dikolobe tsa lona ele difudi tse di boitshoko, tse di senang matsapa tse di gaisang, mme di kgona go tshela ka phepô e e nnye. Goya ka buka ya ga David Visser, Modern Pig Production, di tlile go ja sengwe le sengwe se se jegang, e ka tswa ele leungo le le weleng mo tshimong ya maungo, matlakala a merogo gotswa kwa ntlwaneng-boapelo kgotsa masaledi a dimela gotswa tshimong. Matlalo a tsona a a fifetseng a dira gape gore di se angwe thata ke phisô ya letsatsi fa go bapiswa le matsopa a masweu.
Dinamagadi di boineelo mme di dira bommê ba ba siameng. Ke batlhigisi ba ba ntle, ba ba tlhagisang magareng ga dikolojane di le 6 goya go 9. Tsadisano-magareng le matsopa a a jaaka Duroc le Large White e tlhagisa kokomane ya dielo tsa kgolô tse di tokafetseng, phetolelo-dijo mmogo le boleng jwa nama le setoto tse di tokafetseng. Nama ya kolbroek ka bo yona ga e batlwe ka bontsi mo mmarakeng o mogolo ka ntlha ya mekgwa le kgethololô tsa nama, fela go bonagala fa go na le kgolô e potlana mo go batlweng gotswa kwa mmarakeng wa tsa setso, wa dijo tse di apewang ka iketlo le wa free-range.
Piètrain
©Liezel Grobler, SA Stud Book
Letsopa leno le le sweu ka dipatsô tse ntsho la bogolo jo bo magareng, le tlholegile kwa motseng wa Piètrain, Belgium. Le na le maoto a makhutshwane go na le matsopa ka bontsi, mme le kwennê ka sebopego le go nna sephara goya kwa morago. Boboa jo bo ntsho ga bo mmala o o tseneletseng thata jaaka jwa matsopa a mangwe a mantsho kgotsa a a dikôlô tse ntsho.
Pietrains tsa ntlha di tlisitswe mo Afrika Borwa ka 1997. Ditona di mesifa sentle mme di siametse go ka dirisetswa tsadiso-tlhagiso fa di ka nna bogolo jwa dikgwedi di le robedi. Di diriswa gantsi mo matsopeng a mangwe go tokafatsa ntshô ya nama. Dinamagadi, le fa ele batsadisi ba ba ntle, ka kakaretso ke batsadi ba ba bokoa.
Large Black
Large Black ke kolobe e kgolo ya mmala o montsho fa gotlhe, ka ditsebe tse di kgolo tse di lepeletseng, e e tlholegileng gotswa kwa bolaoding jwa Old English Hog ka dingwagengkgolo tsa bo-16 le 17. E tlisitswe lantlha mo Afrika Borwa ka bo-1910 mme ene ele letsopa le le rategang thata mo nageng go fitlha matsopa a a tokafetseng a masweu a nna teng. Go tota go sa kgonege gore letsopa la mmakgwente le ka tswa le santse le le teng mo nageng.
Letsopa le siame thata mo tlhagisong ya kwa ntle, ka fa ele difudi tse di boitshoko di sena matsapa tse di gaisang. Gape ga di angwe thata ke phisô ya letsatsi fa go bapiswa le matsopa a masweu. Dinamagadi di boineelo, ke batsadisi ba ba ntle, di dira batsadi ba ba siameng ka bokgoni jwa ntshô-mašwi jo bo matsetseleko, mme di kgona go tsala dikolojane tse di ntsi gotswa mo phepông e e bonolo.
Mo dingwageng tse di ntseng di feta, nama ya tsona e ntse e kgethololwa ka ntlha ya mmala o montsho wa letsopa, mme sebalafatsi se se ntsho, se se bakang gore nama e nne le selo se se tshwanang le thapo e ntsho e kgolokwe, se e dirile gore e se ratwe ke baja-kolobe. Fela mebaraka e e totileng Large Black le matsopa-magareng a yona e ka nna teng, segolo thata mo mebarakeng ya tsa setso, ya dijo tse di apewang ka bonya kgotsa ya free-range.
Hampshire
Hampshire e tserwe gotswa mo matsopeng a bogologolo a England. Ke kolobe e ntsho ka mothalo wa letlalo le le sweu le boboa go dikologa magetla, mme nako dingwe o atologela kwa maotong a kwa pele. Molala wa letsopa leno o motelele mo go wa matsopa ka bontsi a mangwe a kgwebo.
Letsopa le tlisitswe lantlha mo Afrika Borwa ka dingwaga tsa bo-1980, gore go nne le letsopa le ntšhwa la tsadiso-magareng. Le fa le santse le fitlhelwa mo dipolaseng di le di ntsi kwa United States, letsopa le latlhegetswe ke serodumo kwa dinageng tsa kwa Yuropa, Canada le mo Afrika Borwa tota ka ntlha ya mmala wa letlalo la lona o o fifitseng, le gore le tshola karolwana ya madi e e nang seabe se se sa siamang mo boleng jwa nama.
Translated by Nchema Rapoo