Matshwao a Bosetšhaba a Afrika Borwa

Phologolo ya Bosetšhaba

©Nigel Dennis

Tshephe - Antidocras marsupialis

Tshephe e tsaya leina la yona gotswa mo tiragatsong ya yona ya go tlolatlola e e tlwaelegileng mo tshikeng ya tshephe eno. Ditona le dinamagadi ka bobedi di na le dinaka, fela ka kakaretso, diphelefu di kima ka go gaisa mme di gwateletse. Tshephe e fitlhelwa ka tlholegô kwa diporofenseng tsa Free State le Bokone Bophirima, kwa Karoo le go ikala le Lobopo lwa Bophirima lwa Afrika Borwa. E itlwaeditse go tshela mo dikgaolong tse di omeletseng di le moôpa ga mmogo le mo mabaleng a a bulegileng a bojang.

Di a fula le go topatopa mme di ka phela di sena metsi ka ge di amogela metsi a tsona gotswa mo matlhareng a dihupametsi a di a jang. Fela, kwa gonang le metsi, tshephe e tlile go nwa. Tshephe ke diphologolo tsa motlhape tse di tsamayang ka ditlhotswana ka dikgwedi tsa mariga mme di fetogele go metlhape e megolo ka dikgwedi tsa selemo. Di tsadisa ngwaga otlhe, mme dikwana di tsalwa morago ga paka ya tuso ya kgwedi di le 6. Boleele 75 cm, bokete 40 kg.

Nonyane ya Bosetšhaba

©Peter Delaney

Mogolodi - Anthropoides paradisia

Mogolodi o montle o gaufi le gore o fitlhelwe fela mo Afrika Borwa. O mmala o o bosetlha jo bo mmala wa loapi o o sedifetseng, ka molala o mo telele o o feleletsang ka tlhogo e e kgolokwenyana. O na le maoto a matelele le diphuka tse di ntle tse di fielang fa fatshe. Megolodi e iphepa ka ditshenekegi, digagabi le dipeo. Di beela mae a tsona mo mmung, gaufi le metsi.

Bodulo jwa ona ke dikgwa tse di bulegileng tsa bojang le mabaka a a tshwanang le Karoo. Megolodi gantsi e fitlhelwa kwa Karoo, KwaZulu-Natal le Highveld. Gantsi di bonwa ka dipara kgotsa ditlhotswana. Megolodi e emelela ka botelele jo bo ka nnang metre ele esi mme gantsi di didimetse, fela di na le mokgorotlho o o itshupileng le modumo o mosesane o o kwa godimo, o o ka utlwalang kwa bokgakaleng jo bo bonagalang.

Tlhapi ya Bosetšhaba

©Jean Tresfon

Galjoen - Coracinus capensis

Galjoen e fitlhelwa fela mo metsing a lobopo lwa Afrika Borwa. E fitlhelwa gantsi mo metsing a a seng boteng thata mo karolong ya lefulô la lewatle gaufi le lotshitshi. Mmala wa yona o farologane goya ka bodulo, gaufi le majwe e lebega ele ntsho gotlhelele fa mo dikarolong tse di motlhaba, e lebega jaaka mmala o o borokwa jo bo selefera.

Kwa KwaZulu-Natal, galjoen e itsagale gape jaaka blackfish kgotsa black bream. Galjoen e iphepa ka red bait (ascidians), le crustaceans tse di nnye tse di jaaka mussels le barnacles. Bogolo jo bo direleng rekoto ke go feta 55 cm ka bokete jwa 7 kg, fela, bogolo jwa setlwaedi gantsi bo bonnye go feta joo.

Sethunya sa Bosetšhaba

©Nigel Dennis

Giant kgotsa King Protea - Protea cynaroides

Go kgabaganya dikgaolo tsa Kapa Bophirima le Kapa Botlhaba, eleng gotswa kwa Cederberg go fitlha kwa Grahamstown, king protea e ka bonwa. Leina la se-Latin la protea e, cynaroides e e kayang gore jaaka-cynara (artichoke), le tswa gotswa go selebego se se tshwanang le artichoke se ditlhogo tsa sethunya di nang le sona. King protea ke sethunya se se golo go gaisa mo tshikeng eno.

Setlhare sa Bosetšhaba

©Nigel Dennis

Mogobagoba - Podocarpus latifolius

Ditlhare tsa bogologolo tsa mogobagoba fa e sale di mela mo Afrika Borwa dingwaga tse di fetang million ole esi. Se aname ka bophara go ralala Afrika Borwa mme se fitlhelwa gotswa kwa Table Mountain, go ikala le mabopo a a kwa botlhaba le Borwa jwa Kapa, kwa nageng tsa melatswana tsa Drakensberg, kwa godimo kwa Soutpansberg le Blouberg kwa Porofenseng ya Limpopo.

Megobagoba ke ditlhare tse di golelang kwa godimo, tse di fitlhelelang kwa bogodimong jwa 40 metres, ka thitô e kima e e ka fitlhang go bomolagare jwa 3 metres kwa dikgweng. Fela, fa di melela mo dikarolong tse di senang thulelo, tse di jaaka mekgokologo ya Table Mountain, di tlhagelela jaaka ditlhare tse khutswane, di kitlane di le kotsi.

Lekwati le mmala wa khaki mme le fetogela go bosetlha fa setlhare se tsofala, le mamoroga ka mananathwana fa setlhare se ntse se gola. Korone ya setlhare e nnye fa go bapisiwa le botelele jwa sona jo bo boitshegang. Maungo a lebega ka go tshwana le khôune ya phaene, fela a masweu, botala jo bo setlhefetseng kgotsa nako dingwe pinki ka mmala. Setlhare sa mogobagoba se tlhagisa maungo a tona le a tshegadi ka bobedi, sebopego le mmala tsa khôune ya leungo la tshegadi di lebega ka go tshwana le cherry.

Translated by Nchema Rapoo

Folaga ya Bosetšhaba ya Afrika Borwa

Folaga ya bosetšhaba, e e dirisitsweng lantlha ka 27 Moranang 1994, e tlhamilwe ke Rre Fred Brownell, Motlhokomela-Mediro ya Mmuso wa Afrik...more

Histori ya Pina ya Bosetšhaba ya Afrika Borwa

Ka Moranang 20 1994, Moporesidente wa Naga (wa motsi oo), FW De Klerk, o ne a bega fa Afrika Borwa e tlile go nna le dipina tsa bosetšhaba ...more