Histori ya Pina ya Bosetšhaba ya Afrika Borwa

Ka Moranang 20 1994, Moporesidente wa Naga (wa motsi oo), FW De Klerk, o ne a bega fa Afrika Borwa e tlile go nna le dipina tsa bosetšhaba di le pedi. Eleng, Nkosi Sikelel’ iAfrika (Modimo tshegofatsa Afrika) le Die Stem van Suid-Afrika (Pitso ya Afrika Borwa). 

©Eric Miller

Seno e ne ele karolo ya dikatlenegiso tsa molaotheo wa nakwana ya 1993, Karolo 248 (1) le Karolo 2. Goya ka Karolo 4 ya Molaotheo o montšhwa wa Afrika Borwa, o o saenetsweng go nna molao kwa Sharpeville ka Sedimonthole 10 1996, pina e e khutswafaditsweng mme e kopantswe ya Nkosi Sikelel’ iAfrica le Die Stem van Suid Afrika ga jaana ke pina ya bosetšhaba ya Afrika Borwa. Jaaka e atlenegisitswe mo Phasalatsong ya Mmuso ya bo 18341, ya letlha la Diphalane 10 1997.

Die Stem van Suid Afrika

Die Stem van Suid-Afrika (Pitso ya Afrika Borwa) e kwadilwe CJ Langenhoven ka Motsheganong 1918, jaaka leboko. Moruti ML de Villiers o kwadile pina ka 1921. Kwa konosetsong ya phasalatso nngwe le nngwe, South African Broadcasting Corporation (SABC) e ne e tshameka God Save the King le Die Stem.

Kopelo ya ntlha ya phatlhalatsa ya Die Stem ka tsholetso ya semmuso ya folaga ya bosetšhaba e ne ele ka 31 Motsheganong 1928, kwa Cape Town. Fela, e ne ele fela ka 1957 ka Motsheganong 2, fa mmuso o ne o bega Die Stem jaaka pina ya bosetšhaba ya semmuso, e e neng ele ona gape ngwaga o ba boneng tetlelelo-semmuso.

Ka 1959, pina ya bosetšhaba ya semmuso e ne ya atlenegiswa ke Molawana wa Palamente. Karolo ya Sekgoa ya pina ya bosetšhaba, The Call of South Africa, e nnile pina ya bosetšhaba ka 1952, fa e ne e amogelwa go ka diriswa semmuso.

Nkosi Sikelel' iAfrika

Enoch Sontonga, morutabana wa borongwa kwa Methodist, o kwadile temana ya ntlha ya Nkosi Sikelel' iAfrika jaaka sefela sa seXhosa ke 1897. Morago ditemana tse dingwe di le supa di ne tsa tsenngwa ka seXhosa mme di ne di kwadilwe ke mmoki Samuel Mqhayi. Karolo ya Sesotho ya Nkosi Sikelel' iAfrika, e e neng gatisitswe ka 1942, e ne e kwadilwe ke Moses Mphahlele.

Nkosi Sikelel' iAfrika e ntse sefela se se tumileng, morago ga gore e opelwe kwa dikhônsateng kwa Johannesburg tse di neng di eteletswe pele ke setlhopha sa mmino sa ga Moruti JL Dube sa Ohlange Zulu. Morago e ne ya nna pina ya bosetšhaba e e neng e opelwa kwa dikopanong tsa sepolotiki, jaaka tiragatso ya boipelaetsi, ka dingwaga tsa tlhaolele.

Ka kakaretso, temana ya ntlha e opelwa ka seXhosa kgotsa seZulu mme go opelwe ka Sesotho morago ga fao. Fela, Nkosi Sikelel' iAfrika ga e na thanolelo ya semmuso mme mafoko a farologana goya ka lefelo le goya ka modiro.

Mafoko a Semmuso

Seno ke mafoko a semmuso a pina ya bosetshaba, e e kopanyang Nkosi Sikelel' iAfrika le Die Stem/The Call of South Africa, ke thanolo ya Setshwana mo masakaeng: 

isiXhosa le isiZulu
Nkosi Sikelel' iAfrika)
(Modimo Tshegofatsa Afrika)
Maluphakanyisw' uphondo lwayo,
(Emisetsa kwa godimo tlotlô ya Gagwe)
Yizwa imithandazo yethu,
(Utlwa dithapelo tsa rona)
Nkosi sikelela, thina lusapho lwayo
(Modimo re tshegofatse, rona bana ba gagwe)
Sesotho
Morena boloka setjhaba sa heso,
(Morena boloka setshaba sa etsho)
O fedise dintwa le matshwenyeho,
(O fedise dintwa le matshwenyego)
O se boloke, O se boloke setjhaba sa heso,
(O se boloke, O se boloke setšhaba sa etsho)
Setjhaba sa South Afrika - South Afrika.
(Setshaba sa Afrika Borwa – Afrika Borwa)
Afrikaans
Uit die blou van onse hemel,
(Ka moletso o o tswang kwa loaping lwa rona lwa mmala wa loapi)
Uit die diepte van ons see,
(Gotswa kwa boteng jwa lewatle la rona)
Oor ons ewige gebergtes,
(Kwa godimo ga dithaba tsa rona tsa metlha yotlhe)
Waar die kranse antwoord gee,
(Kwa ipoeltso-modumo ya majwe e utlwagalang)
English
Sounds the call to come together,
And united we shall stand,
Let us live and strive for freedom,
In South Africa our land.
(Goeletsa topo ya momagano,
Mme ka momagano re tla ema,
A re tsheleleng le go leka ka natla go bona kgololosego,
Mo Afrika Borwa lefatshe la rona.)

Tsamaiso ya go Tlotla Pina ya Bosetšhaba

©Eric Miller
Pina ya Bosetšhaba e tshwanetse go opelwa ka tlotlô e e maleba. Botlhe ba tshwanetse go ema ka go tlhamalala, matsogo a beilwe ma matlhakoreng a bona fa ba opela Pina ya Bosetšhaba. Baagi ba tshwanetse go rola dihutshe tsa bona jaaka sesupo sa tlotlô.Translated by Nchema Rapoo