Madiba le Makhenkesi Arnold Stofile kwa Phitlhong ya ga Walter Sisulu

© Dr Peter Magubane
Madiba le Makhenkesi Arnold Stofile kwa phitlhong ya ga Walter Sisulu kwa Orlando Stadium.
Walter Ulyate Max Sisulu yo o belegweng ka 1912, e ne e le molwela-kgololosego kgatlhanong le tlhaolele wa moAfrika-Borwa mme e le leloko la African National Congress (ANC). O dirile jaaka Mokwaledi-Kakaretso le Motlatsa Mopresidente wa ANC ka nako ya gagwe mo mokgatlhong. Ka maswabi Walter Sisulu o ne a tlhokafala ka di 5 Motsheganong 2003 a le dingwaga di le 91, a le mo matsogong a mohumagadi wa gagwe Albertina.
Setshwantshô seno se bontsha Nelson Mandela le Makhenkesi Arnold Stofile kwa phitlhong ya ga Walter Sisulu kwa Orlando Stadium ka di 17 Motsheganong 2003. Batlotlegi ba le bantsi ba tsenetse tirelo phitlho. Sisulu o ne a fitlhwa kwa dirapeng tsa baswi tsa Croesus kwa Newclare, Johannesburg. Dibui tse di faneng ka lefoko e ne e le Thabo Mbeki, Nelson Mandela le Archbishop Desmond Tutu.

“Se se botlhokwa ga se ntlha fela ya gore re tshetse. Ke pharologanyo e re e dirileng mo matshelong a batho ba bangwe e e tlileng go sweetsa botlhokwa jwa botshelo jo re bo tshetseng.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more