Nelson le Winnie Mandela Ba Ja Difitlhilo Tsa Bona Tsa Ntlha Mmogo Morago Ga Kgololo ya Gagwe

© Dr Peter Magubane
Nelson le Winnie Mandela ba ja sefitlholo sa bona sa ntlha mmogo kwa legaeng la bona kwa 8115 Orlando West, Soweto morago ga kgololô ya gagwe.
Winnie Mandela yo o belegweng ka di 26 Lwetse 1936 e le Nomzamo Winifred Zanyiwe Madikizela, e ne e le molwela-kgololosego kgatlhanong le tlhaolele, mme gape e le leloko legolo la ANC. O nyetswe ke Nelson Mandela ka di 14 Seetebosigo 1958, ba nyalane dingwaga di le 38, fela ka bontsi jwa dingwaga tseo Nelson o ne a golegilwe. Nyalo ya bona e itshoketse go golegwa ga bona le go ya tlase le godimo mo magareng. Ka maswabi nyalo ya bona e ne ya retelelwa ke ko itshokela kgololosego mme ka 1996 ba ne ba tlhalana.
Ba ba bonwang mo setshwantshông seno ke Nelson le Winnie Mandela fa ba ja difitlhilo tsa bona tsa ntlha mmogo morago ga gore Madiba a gololwe kwa kgolegelong ka 1990, kwa legaeng la bona, No. 8115 Orlando West, Soweto.

“Go ile fela jalo ka matsatsi ao melao e e gagametseng e le bosula e fang bagateledi dingwaga tsa kagiso le setu.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more