Mabone a a Letswai a Disalate

©Krzysztof Ziarnek
Sejalo se se sareng sepe ka leina le le matswakabele; mabone (Mesembryanthemum crystallinum) a na le maina a le mantsi a a boitshegang jaaka Rosa De Jericho kgotsa brakslaai, noeta le olifantslaai ka Afrikaans.
Mabone ke sehupametsi se se golelang fa tlase se se gagabang, ka matlhare a makima a a phaphathi ka mmala o motala goya go khibidu, a a apesitsweng ke ‘dipudula’ tse di nnyennye tse okareng ke marôphi.
Matlhare a jega. Sejalo se na le makungwa a sethunya a a pinki a a tlhagisang dithunya tse di boleta tsa makapikapi tse tshweu ngwaga otlhe.
Sejalo se kgonana le letswai thata mme se ka tlhoga mo mmung o o nang le letswai le le tshwanang le la metsi a lewatle.
Sejalo seno se se itshokelang komelelô le kgatelelô ka go gaisa se tlholega mo Afrika, fela se ne sa iswa kwa California ka dikepe ka dingwaga tsa bo-1500, mme se sale sa kaiwa fa ele semela sa sethibeledi kwa USA.

Ditiriso tsa Mabone

Setlhopha sa babatlisisi ba kwa Japan gotswa Saga University se tsere dingwaga di le 20 go tlhama mabone a kgwebo a a bitswang Barafu, a ba a tsereng gotswa kwa kgaolong ya sekaka mo Afrika Borwa. ‘Barafu’ e raya gore legakwa kgotsa kgapetlana ka Kiswahili, leina le le supang selebego sa matlhare a yona. Barafu ke selwana se se kgethegileng se se romelwang ntle gotswa kwa Japan goya kwa marekisetsong kwa Yuropa le Amerika, e rekiswa go simolola ka $80 kgetsana e nnye.
Matlhare le dikalana di ka jewa di le tala (disalate) kgotsa di apeilwe, mme di na le tatso e e esiti le letswai. E ka bediswa ka metsi, ya gadikwa, tsenngwa vinegar jaaka cucumber mme e tlile go tsamaisana le dijo tsa lewatle. Fa e apeilwe e jewa mo boemong jwa sepinatšhe. Dithôtsê di jewa ka dinako tsa tlhokegô e kgolo ya dijo.

Mabone Jaaka Molemô

©Frank Vincentz
Mo go tsa kalafi mabone a diriswa mo kalafong ya dikgotelô tsa khemo le setlha le serwe sa bosadi, mme kwa Argentina a diriswa go alafa bolwetse jwa tlhakanêlô dikobô. Matute a a foreshe a matlhare a a tšhwetlilweng a ka alafa go sa ntshe metsi le go rota go go botlhoko, mme a diriswa gape go retibatsa kgotelô ya mafatlha.
Patlisiso ya kwa Japan, e e umakilweng pejana, e fitlhetse gape gore mabone e na le bodiragatsi jo bo kwa godimo jwa antioxidant mme a kokoanya proline, eleng esiti ya amino e e seng botlhokwa e e nang le seabe mo tlhagisong ya collagen (protein e e leng motheo wa popô ya dintha, mesifa le letlalo). Proline e ka thusa gape mo go foleng ga nthô mme gape ke motheo wa popô wa setswaki se se tlhokomelang le go alafa lehihiri le go tiisa ditokololô le mesifa.
Matlhare a diriswa mo kalafong ya dysentery (tshwaetsego ya mateng) le malwetse a sebete le philô. Boradikepe ba ne ba dirisa matlhare go alafa bolwetse jwa tlhaelô ya dikotla mo maetong a maleele a mo lewatleng.
Matlhare a a tšhwetlilweng a diriswa mo boemong jwa sesepa fa matute, ga mmogo le segamolwa sa sejalo, di diriswa jaaka ditswakwa tsa tlhokomelo ya letlalo mo ditlhagisweng tsa kgwebo tsa tlhokomelo-letlalo.

Go Jala Mabone

Mabone a ka jalwa gotswa mo peong. Mofuta wa semela ona le dirwe tsa tona le tsa tshegadi ka bobedi (hermaphrodite) mme se dulafatswa ke ditshenekegi. Dipeba le mebutla di gasaganya dipeo.
A rata mmu o o tswang metsi sentle mme a ka tlhoga mo mebung e e bokoa ka dikotla le e e letswai. Ga a kgone go gola mo moriting mme a tshaba segagane.
Mabone a kokoanya di-nitrate (matswai) mme morago e di ntshetse mo mmung. Seno se ka nna kotsi go dimela tse di tlang fa morago ga ona gore di tlhoge mo mmung onô o o letswai. Dipatlisiso di supile fa mabone a ka monyela dibolayadiji, cadmium le di-metal tse dingwe tse di bokete. Ka jalo, tlhokomelo e tshwanetse go ka dirwa fa go jalwa mabone go netefatsa fa e babalesegile go ka jewa ke batho.
Ka kopo elatlhokô: Tshedimosetso ke ya go ithuta le go sedimosetsa fela mme e se bonwe jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga go nna mo boemong jwa kgakololô ya tsa phôlô kgotsa kalafi e e rebolwang ke baitseanape ba ja maphelô.

Translated by Nchema Rapoo