Lenaanethoto La Polase ke Eng?

© Eric Miller
Lenaanethoto la polase ke lenaane la dithoto - sengwe le sengwe se se nang le boleng - se se ka rekiswang. Lenaanethoto le ka akaretsa tlhwatlhwa ya selwana, boleng jwa leruo, ngwaga o se rekilweng ka ona, sebaka sa botshedi se se lebeletsweng le tatlhegelô-boleng.

Tsela ya go Dira Lenaanethoto

Lenaanethoto gantsi le dirwa bonnye gangwe ka ngwaga mme le akaretsa go bala sengwe le sengwe se se leng mo polaseng, go akaretsa dihekethara tsa lefatshe, ditone tsa korong tse di leng teng, diphologolo jalo le jalo. Lenaanethoto le tlile go akaretsa gape boleng jwa madi jwa dithoto ka Ranta.
Tsamaya tsamaya mo polaseng mme o dire tshekatsheko ya kakaretso ya dithoto tsa polase. Dira lenaane kgotsa spreadsheet sa dilwana goya ka dikarolo-kgolo tse di jaaka dikagô, lefatshe, metšhine, didiriswa, ditlamelo le leruo tsa polase.

Dintlha ka ga Lenaanethoto la Polase

Lenaanethoto gantsi le akaretsa dintlha tse di latelang:
Bogolo jwa polase, tshwanelo ya borui, bogolo jwa lefatshe le le dirisetswang temôthuo le tekanyetsoboleng ya karolo ya ntshô-tlhagiso.
Tlhaloso le tekanyetsoboleng ya di tokafatso tse di sa suteng tse di jaaka petse kgotsa borulelo tse di ntšhwa.
Dijanama, metšhine le didiriswa, ga mmogo le dinomore le mefuta kgotsa di-model.
Dipalopalo le mefuta ya leruo.
Palo ya dithoto, ditlamelwana tsa polase le ditsengwa tsa tlhagiso tse di jaaka peo, monontsha.
Ditlhagiswa tsa kwa bofelong le tse di gaufi le bofelo kwa tshimologong le kwa bokhutlong jwa ngwaga ya ditšhêlêtê.
Mo dikholomong tse di kgaoganeng tsa lenaanethoto supa tse di latelang:
Ngwaga o ka ona selwana sengwe le sengwe sa polase se rekilweng.
Tlhwatlhwa e selwana sengwe le sengwe se rekilweng ka yona.
Sebaka-tshedi se se solofetsweng sa motšhine/sediriswa.
Mme o bale tatlhegelô-boleng ya ngwaga le ngwaga ya selwana sengwe le sengwe ka go dirisa mokgwa wa mola o o tlhamaletseng kgotsa mokgwa wa phokotso-boleng.

Sebaka-tshedi se se Solofetsweng sa Sediriswa

Fa tlase ke sebaka-tshedi se se solofetsweng sa metšhine le didiriswa dingwe tse di diriswang mo polaseng. Mo masakaneng ke boleng-phaloso jaaka percentage jwa tlhwatlhwa ya thekô - boleng jwa selwana kwa bofelong jwa botshelo jwa sona.
Dijanaga - dingwaga di le 5 (10%)
Diterekere - dingwaga di le 10 (10%)
Didiriswa - dingwaga di le 10 (10%)
Ditholusu - dingwaga di le 10 (0%)
Dipompo le dimotoro tsa motlakase - dingwaga Di le 15 (0%)

Translated by Nchema Rapoo