Kobelo - Tlamelo ya Mmu

Tiriso ya kobelo mo tshingwaneng kgotsa mo masimong e ka nna le dipoêlô tse di boitshegang go itekanelo ka kakaretso ya mmu le dijalo. Mebu e e kobetsweng e nna le meferô ele mmalwa, e itshokela komelelô go gaisa mmu o o sa kobelwang mme dijalo di gola botoka.

©Marinda Louw

Kobelo ke Eng?

Kobelo ke sere se se bewang mo boalông jwa mmu go neelana ka kapesô ya kobo. E ka nna kobelo ya botswatsheding kgotsa e e seng ya botswatsheding. Dikai tsa kobelo ya botswatsheding ke motshotelô, lotlhaka lwa bogologolo, matlhare, mesegô ya ditlhare, ditlhagiswa tsa logong, kuranta kgotsa dijalo-khurumetsa tse di papatleletsweng le go dikoloswa. Dikobelo tse e seng tsa botswatsheding di akaretsa matsela-fatshe (masela a tebego-tikologo), mealô ya polasetiki le mataere a a dirisitsweng.

Dipoêlô tsa Kobelo

©Abhay Iari

Dikobelo di fokotsa mowafalo ya metsi gotswa mo mmung, di thibela kgogolêgô ya mmu mme di kganêla kgolô ya moferô. Poêlô tlaleletsô ya dikobelo tsa botswatsheding ke gore di a tshotela le go tlamela ka motswedi wa dikotla go di-microbe tsa mmu, tse kwa morago di tlamelang ka dikotla go sejalo. 

Dikobelo tse e seng tsa botswatsheding tse di jaaka dipolasetiki gantsi di diriswa le dijalo tse di ratang mogote tse di jaaka ditamati le eggplant ka ge di tshola mmu o le bothitho. Gape di dirisetswa go sireletsa dijalo-tatedi tse di jaaka disetoroberi le cucumber kgatlhanong le go bôla mme di di tshola di le phepa. Kobelo e e seng ya botswatsheding ga e na dipoêlô dipe tsa boungwisa-mmu, mme e ka fokotsa oxygen le go oketsa themphoritšhara mo mmung mme seno se ise kwa go bolaweng ga di-microbe tsa mmu.

Go tshwanelwa go elwatlhôkô gore tiriso ya dire tsa tshotelo tse di seng bonolo jaaka maphatlho a logong, e ka isa kwa go tsweng ga nitrogen mo mmung malebana le go tshotela sere se se humileng ka khabone sa logong. Dirisa mesegô e e foreshe ya motlhô o o humileng ka nitrogen jaaka kobelo mo ditshingwaneng tsa merogo mme o fokotse dire tse di magwata go nna moutlwalotshwaro o o bosesane. 

Tsela ya Go Dirisa Kobelo

©Marinda Louw

Kobelo e ka rekwa, fela go tsweledisa pele thata go dirisa dire tse di tlhagisiwang mo tshingwaneng kgotsa polaseng jaaka kobelo. Dirisa mesegô e e tswang mo tshimong, matlhare, mesegô ya motlhô le maphatlho a logong jaaka kobelo. 

Santlha, ntsha moferô mme o nosetse mmu sentle. Tshela kobelo ka boalô jo bo kima, go tloga mo bokimeng jwa 2.5 cm goya go 15 cm - go ikaegile ka bosesane jwa sere. Kobelo e tshesane e tshwanetse go ka alwa kwa boteng jo bo ka nnang 10 cm. Tshela kobelo ka bobotlana 15 cm gotswa mo dithitông le dikutung mo lobakeng lwa dijalo le ditlhare ka ge seno se ka baka pôlô ka ntlha ya tikologo ya bometsi e kobelo e ka e tlholang. 

Fa o dirisa kuranta jaaka kobelo, dirisa mealô ya kuranta e e metsi ele mene goya go ele robedi mme o apese ka kobelo e nngwe ya botswatsheding. Kobelo e ka diriswa fa dijalo-khurumetsa di jalwa mo tshimong. Sekai, e ka rêngwa le go lemelelwa mo mmung go dira jaaka motshotelô o motala le jaaka kobelo, kgotsa e ka menwa ka bophaphathi go tlamela ka kobelo e tala e e humileng ka nitrogen. 

Translated by Nchema Rapoo