Klipfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Klipfish

Leina la Maranyane

Clinidae

Semeto

E ka nna 60 cm, fa bontsi bo ka nna 15 cm.

Ponalo

Mmele o moleele oo bopameng kwa mogatleng. Mogatla wa mokwatla o elela boleele ba mmele wa yone. Megatlana ya ka fa tlase ga sefuba e melleele le yone, mme e dirisetswa go kotama. Mogatla wa kwa morago o simolola kwa sefubeng go fitlhelela kwa morago. Mogatla wa kwa maragong o kgolokwe ka sebopego. Ka mmala e boshibidu le borokwa ka di nako tse dingwe e na le diphethene tsa mmala wa botala olive gore e kgone go iphitlha, mme ka fa tlase e boshetlhana.

Dikitsiso

Lelapa la Clinidae le na mephato e ka nna 20 le dibopiwa di ka nna 73. E na le ditetswana kwa mafelong a a farologaneng mo tlhogong ya yone e e bidiwang ‘(cirri). Makwapa a yone ga a bonale. E bonwa kwa mafelong a a humileng ka sejalo sa seaweed le kelp. Di na le ditlhong thata. Mae a yone a tla beelwa mo dijalong tsa Kelp, mme e e tona e tla a elama go fitlhela a thuba.

Dijo

E fapa gantsi ka di’molluscs le di’crustaceans tse dinnye.

Anamiso

E bonwa mo metsing a mawatle a a didimetseng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.