Kgolo ya Mosate wa Mapungubwe

Katoloso ya K2

©Roger de la Harpe
Ka bo 1220 AD, baagi ba K2 ba ne ba sweetsa go fudugela kwa motseng o o botoka. Dilo di ne di ba tsamaela sentle, ka dikgolagano tsa bona tse di golang tsa bogwebi le masimo a bona a a atlegileng. Mme nako e ne e fitlhile, ba ne ba akanya, go aga mošate o o tsamaelanang sentle le tswelelopele ya bona.
Khudugo eno e ne ese fela ka ntlha ya gore ba ne ba batla go ikgantsha ka lehumo la bona le le ntšhwa. E ne ele sesupo sa phetogo e e bonagalang ya morafe. Jaaka Thomas Huffman (archaeologist e e dirang kwa Wits University) a kaya, “Khumo e e dirilweng gotswa mo kgwebisanong ya kwa Lewatleng la Indian, e bakile gosalekalekaneng go go iseng nke go bonwe, mme malapa a a busang a ne a fetoga go nna bahumi ba maêmô.
Mo godimo ga fao, morafe o o golang, o tshegeditswe ke temothuo ya naga e e metsi, o ne o tla thusa go etegetsa dipharologano tse di leng teng tsa loago. Ka 1220 AD, morafe wa K2 o ne o fetogile gotswa go o o yang ka maêmô setšhabeng goya kwa go o o yang ka ditlhopha tsa loago.”. Ikanye madi go senya tsotlhe!

Ke eng ka Leina?

©Roger de la Harpe
Lefelo le ba le tlhophetseng mošate wa bona o mo ntšhwa e ne ele thabana e telele ya setlhoa se se phaphathi, e e mo sekgaleng se se khutshwane goya kwa bokone botlhaba jwa K2, ka fa letlhakoreng le lengwe la Bambandyanalo Hill. Ene ele thabana e e namelelang ya matlapa a motlhaba ya bogodimo jwa 30 metres, botelele jwa 300 metres le bophara jwa magareng ga 15 le 50 metres. Dintshi tsa Noka ya Limpopo di ne di le bokgakala jwa kilometre ele nngwe goya kwa bokone.
Ga re itse gore ba ne ba bitsa thabana eno eng. Leina la ga jaana, ‘Mapungubwe’, le tserwe gotswa mo monnamogolong wa sefofu yo o bitswang Mowena, yo a supeditseng matlho a basweu thabana eno lantlha ka 1931. Jaaka lefoko leno ese la maleme a Sesotho, SeShona kgotsa SeVenda, go thata go kaya tlhaloso ya lona. Thanololo e e tlwaelegileng thata ke ‘lefelo la diphokojwe’, gotswa mo lefokong la Sesotho phokojwe le lefoko la SeVenda punguvhe, ka bobedi a raya gore phokojwe.
Phokojwe e go buiwang ka yona go akanywa fa e kaya mmusi yo o maatla yo a tshetseng teng. Morafe wa Lemba, fela, o ranola leina jaaka ‘lefelo le leo lejwe le eletseng jaaka seeledi kgotsa metsi teng’, mme seno se ka kaya bokgoni jwa segologolo jwa go dira ka tshipi e e gakologileng. Le ka kaya gape ‘lefelo la botlhale’ goya ka Mathole Motshekga, tlhogo ya Kora Heritage Institute.
Mme bangwe a dumela fa le amana le mogatlana-foko wa SeShona -bwe, go tshwana le Zimbabwe, e e tseiwang fa e kaya ‘matlapa kgotsa matlo a a tlotlegang’.

Lefelo le le Siametseng Mošate

©Photo courtesy of Mapungubwe Museum, Pretoria University
Go sa kgathalasege gore ne ba e bitsa eng, thabana e ne ele lefelo le le siametseng mošate. Matlhakore a ne a namelela thata, mme go ne go na fela le metlhatlhogelelo ele mene goya kwa setlhoeng, otlhe a le bonolo go ka sireletswa.
Fela, le fa ntswa lefelo leno le le sireleditsweng le sa tlhaselege bonolo, le ne le sa tlhophelwa go tshola batlhasedi kwa ntle. Ebile, ga gona bopaki jwa gore baagi ba K2 ba kile ba tsena mo ntweng le bangwe, mme paka yotlhe e bonagala e ne ele ya kagiso.
Mo boemong jwa seo, thabana e ne e tlhophilwe go ka tshola boesengmang kwa ntle. Ka nako e, karoganyo ya maêmô a loago mo ngwaong ya K2 e ne ele kwa mankalengkaleng mo ebileng basegosi ba neng ba bona fa ba tshwanetse go dula ka go katogana le maloko a morafe wa bona.
Ka tshwanelo, kgosi-kgolo, ba lolapa lwa gagwe, bagakolodi le batlhokomedi, botlhe ba ne ba tsena mo matlong a a neng a agilwe mo godimo ga thabana ya boikgogomosô. Boesengmang ba ne ba tsena mo mekgorong e mentšhwa e e neng e agilwe mo nageng e e phaphathi go dikologa dinao tsa thabana. Bua ka ga ‘kgosi ya khasele’.

Dipharologanyô tsa Maêmô di a Rena

©David Fleminger
Dipharologanyô tsa maêmô a loago mo morafeng wa K2 ka jalo di ne tsa fetoga dipharologanyô tsa bodulo. E ne ele lantlha mo historing ya Afrika gore mokgwa ono wa boitshwaro o itlhagise - le fa e ne ese kitla e nna labofelo. Lenaane le le leele le le boitshegang la babusa-nosi ba maAfrika le sale la sala sekai sa Mapungubwe morago, ba ipeile ka boitlhaodi jwa manobonobo, kgakala le dilelo tsa balatedi ba bona. Seno se ka buiwa gape ka ga dikgosi tsa Yuropa, mo lebakeng leo. Kgotsa ka ga bolaodi bongwe le bongwe ba segompieno.
Ga go a tlhaga gore aa puso e ntšhwa ya kwa Mapungubwe e ne ele keletso ya kgosi e e maatla e e rileng, kgotsa e ne ele karolo ya tshweetso ya botlhe go ka tlhomamisa dipharologanyô tsa maêmô a loago tsa morafe. E ka tswa gape ele ka ntata ya tumelo ya setso, jaaka go dumelwa fa thabana e amana le go neswa ga pula le ditiro tsa setso tse dingwe tse eleng maikarabelo a segosi.
Go sa kgathalasege, thulaganyo eno e ne e lebega fa e dira, mme ngwao ya Mapungubwe e bone katlego dingwaga di le 75 tse di latetseng. ‘Paka ya Gouta’ e khutshwane eno mme ele manobonobo, e ne ele boleele fela jwa puso ya kgosi kgotsa di le pedi, gongwe di le mmalwa, fela mo pakeng eo, baagi ba Mapungubwe ba ne isa godimo le tlase.

Dipaakanyo le Kgolo e e Bofefo

©Roger de la Harpe
Selo santlha se se neng se tshwanetse go ka dirwa e ne ele go baakanyetsa kgosi thabana. Ditone di le mokawana tsa mmu di ne tsa rwalelwa kwa godimo ga thabana, go dirisetswa go lekalekanya boalo jwa lejwe jo bo neng bo sa lekalekane. Mme mekgoro e ne ya agelwa ba ba potapotileng kgosi (ba lolapa, bagakolodi le basireletsi), mme ditsela tse di namelelang thabana di ne tsa baakanngwa.
Mo motlhatlhogelelong o mo tona, o o santseng o diriswa ke baeti ba gompieno, mesimana e ne ya gwaiwa mo majweng mme dithobane tsa tsenngwa mo mesimaneng, go dira jaaka menamelelo. Ba ne gape ba sireletsa ditsela tseno tsa matseno ka ditotoma tsa majwe a a neng a ka latlhelwa mo godimo ga ditlhogo tsa baeti ba ba sa letlelelwang.
Kwa dinaong tsa thabana e ne ele mosako wa matlo a ba ba rothetsweng ke madi a segosi go se nene, mme go feta fao go ne go dula boesengmang, ba ba neng ba dula mo dikgaolong tsa baagi di le mmalwa tse di ikadileng go kgabaganya dinaga-bophara. ‘Torotswana’ nngwe le nngwe e ne e ka nna le kgosana kgotsa letona la yona.
Bopaki jwa archaeology bo supile fa go ne go setse go na le motsana kwa Mapungubwe pele ga 1220, mme gona le kgonagalo ya gore o ne wa tshubiwa le go agwa gape go ka tshola batho botlhe gotswa kwa K2. Mokgwa-tiriso wa go tshuba mekgoro ya kgale fa e ne e sa tlhole e tsepame, mme go agwe e mentšhwa mo lefelong lona leo, o ne o tlwaelegile mo kgaolong.
Masaledi a a boteng a a bonweng kwa nageng e e kwa borwa jwa Mapungubwe a supa fa seno se diragetse makgetlho a le mmalwa ka motsi wa kgolo e e bofefo ya mosate.

Translated by Nchema Rapoo