Kgatelelô ya Mogote mo Dikolobeng

©Glenneis Kriel
Dikolobe di anngwa thata ke maêmô a bosa a a mogote le a a tsididi. Dithemphoritšhara tse di siameng tse di tshwanetseng go ka bewa mo go tsona di tla ikaega ka themphoritšhara ya phaposi, bongôla, dingwaga tsa kolobe, letsopa, mofuta wa bodilo le moagô. Jaaka molawana wa setlwaedi, dikolobe tse di godileng di diragatsa bontle mo dithemphoritšhareng tse di kwa godimo ga 15 degrees Celsius le tse di kwa tlase ga 30 degrees Celsius.
Go tota go le thata gore dikolobe di itsidifatse. Ga di kgone go fufulelwa, di na le makgwafo a mannye fa go bapiswa le bogolo jwa mmele wa tsona, mme di na le boalô jo bo kima jwa mafura jo bo di sireletsang kgatlhanong le serame. Ditokafatso tsa bomadi di etegeditse bothata, goya ka Alltech, mme go isitse kwa goreng matsopa a segompieno a tlhagise go feta 30% ya bothitho jwa ka fa gare gotswa mo khemong le metabolism fa go bapiswa le dikolobe tsa go sale gale mo dingwageng tsa bo-1980.

Matshwaô a Kgatelelô

©Glenneis Kriel
Kgatelelô ya mogote ke kgwetlho e kgolô mo Afrika Borwa, ka ntlha ya maêmô a bosa a rona a a bothitho, a a tla nnang mogote thata mo isagong, ka ntlha ya phetogô-bosa. Balemirui, ka jalo, ba tshwanetse go akanyetsa maêmô a bosa a kgaolo e ba batlang go godisetsa dikolobe tsa bona go yona, mme ba loge leano la go thibela kgatelelô ya mogote pele ba simolola go thuô ya dikolobe.
Go retelelwa ke go dira seno go tlile go nna le ditlamorago tse di sa siamang mo tsêông ya sefepi, dielo tsa kgolô, tlhagiso-mašwi ya dinamagadi mme go ka tlhotlholetso le tsadisano tota, ka go baka boôpa. Kgatelelô ya mogote gape e ka baka tlhokego-tekatekanyô ga dieledi, mme go ise kwa letshololong mme ka fa tlase ga mabaka a a masisi, loso. Kgatelelô ya mogote e ka dira gape gore kolobe e tshabelelwe ke malwetse bonolo.
Dikolobe tse di angwang ke kgatelelô ya mogote kgotsa stroke sa mogote di tla nna le mohemo o o kwa godimo mme di tla tlhoka matlhagatlhaga, ka mantswe a mangwe, di tla phela di patlame, mo maitekong a go tlhagisa maatla ka bonnye le go rurufala. Ka fa tlase ga mabaka a a masisi di ka nna bokoa, mesifa ya tsona e ka simolola go roroma mme di ka tlhatsa kgotsa tsa tshwarwa ke letshololo.

Thibelo

©Glenneis Kriel
Balemirui mo ditlamelong tsa sešweng ba dirisa taolô-bosa go fetofetola dithemphoritšhara tsa phaposi le dielo tsa bongôla. Fa o sa kgone go bona technology tseno, aga moagô wa gago wa dikolobe gore o rurufale ka selemo ka matlhale a go baya didiro le ka tiriso ya sekhurumetsi. Borulelo jwa masenke, ka sekai, bo ka apeswa ka matlhare kgotsa bojang go fokotsa dithemphoritšhara. Balemirui gape ba ka baya digasa-metsi mo godimo ga dithulelo tsa dintlwana go rurufatsa dintlwana ka motsi o o mogote.
Seabe sa mofuta wa bodilo le sona se tshwanetse go ka akanyetswa, ka ge bodilo bongwe bo tlhagisa mogote o o fetang wa jo bongwe. Goya ka The Pig Site, kolobe ya 5 kg e e beilweng mo lotlhakeng, ka sekai, e tlile go itumela mo dithemphoritšhareng tse di magareng ga 27 goya go 30 degrees Celsius, fela e tlile go itumela mo go 39 goya go 32 degrees Celsius fa e bewa mo bodilong jo bo tlhatlagantsweng.
Fa dikolobe di tlile go tlhagisetswa kwa ntle, go ka nna botlhale go tlhopha letsopa la selegae le le boitshoko le kW kgonang go emelelana le maêmô a bosa a a bothitho. Dikolobe tsa letlalo le lentsho gape ga di tshabe phisô ya letsatsi. Dikolobe tse di tsholwang kwa ntle di tshwanetse go fitlhelela moriti le lefelo-tshireletso. Mesimana ya seretse le yona e tlile go thusa go rurufatsa dikolobe, mme e fane ka bontlhanyana jwa tshireletso kgatlhanong le phisô ya letsatsi.

Kalafi

©Glenneis Kriel
Ke diura fela di le mmalwa tsa go itemogela mogote tse di ka nnang le ditlamorago tse di sa siamang mo tlhagisong, ka jalo dikolobe di tshwanetse go ka rurufatswa ka bonako jo bo kgonagalang fa maêmô a bosa a tlhatlhoga go feta dithemphoritšhara tse di eletsegang tse dikolobe di tshwanetseng go tsholwa mo go tsona. Go fokotsa palo ya dikolobe le gona go ka thusa, ka ge kgobelano e tla etegetsa seemo.
Dikgatô di tshwanetse go tsewa go tsepamisa tsêô ya sefepi. Alltech e tsitsinya gore balemirui ba tshole sefepi se le foreshe, ba fokotse protein e tala ya sefepi, ba dirise mafura kgotsa oli go bona maatla a ka gangwe, ba oketse bokete jwa dikotla jwa sefepi kgotsa ba neele dikolobe sefepi se se metsi go di rotloetsa gore di je. Dijo di tshwanetse gape gore di fepwe ka dinako tse di rurufetseng tsa letsatsi.

Translated by Nchema Rapoo