Ke eng Bokgoni bo Bonolo?

© Andile Bhala
Bokgoni jwa go dira ka natla jwa bolemirui ke jwa tiro e e rileng. O tshwanetse go nna rutega go dira ditiro tse di rileng. Bokgoni jwa go dira ka natla di dirisiwa mo polaseng le fa o dira tiro ya mo polaseng sekao, go kgweetsa sejanaga, go dira ka khomputara, go enta diphologolo mme ka kakaretso, go bona gore tiro mo polaseng e diragala. Bokgoni jwa go dira ka natla ke bo o ithutang kwa tirong le bokgoni bo o buang ka ga bona mo ditherisanong ka tiro ya bolemirui.
Bokgoni bo bonolo, ka fa letlhakoreng le lengwe, ke mekgwa ya botho le bokgoni jwa go tlhaeletsana.
Go ya ka mongwe wa bagwebi ba ba atlegileng thata kwa UK, ‘badiri ba James Caan ba ne ba tla tshwarela kwa morago ke tlhokego ya bokgoni bo bonolo’.
A re bokgoni bo bo botlhokwa thata ke bokgoni jwa go tlhaeletsana, go dira mmogo, go tsaya tshwetso, taolo ya nako le keletso ya go tsaya taolo ya isago ya gago. Bokgoni bo bonolo gape bo akaretsa go ikgorometsa ka bowena, kgono ya gago ya go laola nako ya gago le go rwala maikarabelo. Go ya ka tlhaeletsano, fa o ngwala melaetsa ka ilekethroniki le diSMS, netefatsa gore go o peleta ka tshwanelo, dirisa matshwao a puiso a a siameng mme o feletse molaetsa ka leina la gago
Bokgone bo bo bonolo bo ka dira pharologano fa gare ga gore o tla bona tiro kgotsa nnyaa. Mo go ka nnang mokopi wa tiro mongwe le mongwe a ka nna le bokgoni ba go dira ka natla ba maleba bo bo tlhokegang, fela ke ba ba kae ba tla nnang le bokgoni bo bo bonolo bo bo tla dirang gore e nne o a gaisang botlhe?
Bokgoni ba gago bo bonolo bo tla go dira gore o farologane mo go botlhe le go sa tlwaelegang. Ga se fela ka ga tsoga le go dira tiro, mme gape le go rotloetsa batho ba ba dirang le wena.

Translated by Lawrence Ndou