Katisô ya Barui ba ba Ntšha ba Mmutla

© Judy Stuart

Mebutla ga e tshwane le diphologolo tse dingwe tse di ruiwang. E na le ditlhokwa tse di rileng mme fa go sena tlhokomelo e e tshwanetseng mo magatong otlhe, thuo ya mmutla e tlile go phutlhama. Go botlhokwa gore barui ba ba ntšha ba mmutla ba nne le thupiso ka ga go samagana le mathata mangwe le mangwe a a ka tlhagang, mme ba tshwanetse go tlhaloganya ditlhokwa tsa mmutla pele ba simolola.

Go na le dithuto tsa thuo ya mmutla mo Afrika Borwa mme ke kakanyo e ntle go nna le tshedimosetso pele o ka simolola go nna morui wa mmutla. Fa o rulaganya go nna le diphologolo di le di ntsi mo setsheng sa gago, go botlhokwa go nna le mongwe yo o ka mo leletsang fa dilo di sa tsamaye ka tshwanelo.

Ka keletso, fa malapa a le mmalwa mo motseng a batla go rua mebutla, leloko le le lengwe la motse yonô le tshwanelwa ke go tlhophiwa jaaka 'mokatisi' mme motho yonô o tshwanetse go ya dithutong tsa taolô ya mebutla.

Translated by Nchema Rapoo