Karoganyo ya Bong mo Morafeng wa Bapedi

Bogolwane jwa Banna

©Dr Peter Magubane

Ngwaô ya Sepedi e ne ka setso e farologanya bong ka bobedi ka go itshupa mo maêmông otlhe. Seno se ne se ama maphata otlhe a matshelo a bona, go tloga ka mafutô a a bofelelang diaparo tsa bona mo banna ba neng ba dirisa lefutô la letlapana mme basadi ba dirisa lefutô la bonkoko - goya go thupiso, maemo mo lapeng le mo setšhabeng, le karoganyo ya ditiro.

Basadi ba ne ba dira tiro ya bolemi, mme tiro ya banna le basimane e ne e amana le dikgomo. Bogolwane jwa banna bo ne bo nonofatswa mo botshelong jwa tsatsi le tsatsi: sekai, fa go jewa, banna le basimane ba ba rupileng ba dula mmogo mme ba ne ba tsholelwa pele, mme basadi ba ne ba ja le bana ba bangwe. 

Ka molao basadi e ne ele, mme gantsi ba santse ele, bana ba leruri, mme ba ne ba tshwanela ke go nna ka fa tlase ga motlhokomedi wa senna. Fa basadi ba ne ba nyalwa ba ne ba tsaya seêmô sa banna ba bona. Ka jalo mosadi yo a belegweng jaaka esengmang a ka fetoga wa bogosing ka lenyalo mme a bone seêmô se se kwa godimo ga sa kgaitsediagwe yo mogolo, yo jaanong a tla tshwanelang ke go mo obamela, fela a ka se tlhatlhogele kwa godimo ga seêmô sa morwarraagwe.

Boswa le botlhatlhami di ne di fetisetswa goya kwa banneng, mme basadi ba ne ba dula kwa magaeng a banna ba bona. Seno, nako dingwe, e santse ele modiro wa gompieno. Fela, malapa ale mantsi ba letla barwadi ba bona, gona le barwa, gore ba tseye masimo le magae a bona jaaka boswa, ka ge barwadi - segolo thata ba ba kgoreletsweng ke matsapa a lenyalo - go dumelwa fa ba kgona go tlhokomela batsadi ba bona botoka go phala barwa.

Ngwaô ya setso sa Bapedi e ne e tseneletse thata go gaisa ya merafe e mengwe e e sekametseng ka fa banneng ka go farologanya bong, mme e na le go golaganya basadi le mekgwa e e tlhokang tshiamo le boitshwaro jo bo maswe. Pateletshego ya tlholegô ya go dira bosula - boloi 'jwa bosigo' e ne e amanngwa fela le basadi, mme e ne e fetiswa gotswa go mme goya go morwadi. Fela, boloi 'jwa motshegare' bo ne bo ithutiwa, mme bo ne bo ka fitlhelelwa ke mang le mang, monna kgotsa mosadi, mme bo ne bo diriswa ka sewelo go golafatsa mongwe. 

Translated by Nchema Rapoo