Hawkfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato

Hawkfish

Leina la Maranyane

Cirrhitidae

Semeto

E ka nna 30 cm, fa bontsi bo ka nna 15 cm.

Ponalo

Mmele o moleele fa tlhogo le sefuba sa yone dile ditona mogo mmeleng otlhe. Di’pectoral rays mo megatlaneng di dikgolwana mo go tse dingwe. O ka bona makgabe kwa ntsleng ya mmitlwa wa mogatla wa mokwatla. Mmala e farologana go tswa go bosweu go ya go red, kgotsa orange le brown. Tse dingwe di na le ditsubaba le methalo (lines) mo mmeleng otlhe.

Dikitsiso

Lelapa la Cirrhitidae le na le mephato e le 9 le dibopiwa dile 32. E ka e fitlhela e kotame ka megatlana ya ka fa tlase (pectoral fins) mo mafikeng jaaka manong. Megatlana ya ka fa tlase e matla thata mme e kgona go itshwarella le fa metsi a ka simolla go nna le matla. Tsa basadi di kgona go fetola bong ba tsone fa e morena wa tse ditona a ka tlhokafala. Di tsala ka go tshollela mae a tsone mo metsing gore e tona e a nonofatse ka peo ya yone. (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dinnye, dikankrapa, shrimp, le di’crustaceans.

Anamiso

E bonwa mo metsi a a didimetseng a mawatle a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Freckled hawkfish - Paracirrhites forsteri
Longnose hawkfish - Oxycirrhites typus
Horseshoe hawkfish - Paracirrhites arcatus