Goldie Rockcod

© Johan Boshoff.

Leina la Mophato

Rockcod/Groupers – Goldie

Leina la Matshamekwane

Fairy bassletts

Leina la Maranyane

Anthiinae

Semeto

E ka nna 25 cm, fa bontsi bo ka nna 12 cm.

Ponalo

E tshwana le goldfish ya kwa metsing aa senang letswai, mme mmala wa yone o galalela go e feta ka mmala wa pinki, orange, yellow le botala ba legodimo bo bonala. Tse ditona di galalela ka mmala go feta tse di namagadi mme megatla ya tsone e metona ka sebopego sa halofo ya kgolokwe (crescent-shaped).

Dikitsiso

Lelapa la Anthiinae le na le mephato e le 25 ka dibopiwa dile 82. Ke enngwe ya lelapa la di-bass le di-groupers. Di ka bonwa ka setlhopha se segolo mo mafikeng a lewatle. Go na le makoko a tse dinamagadi mo setlhopheng le ele nngwe ya tse ditona ee renang ka palo ya 2-12 ya tse dinamagadi. Tse ditona di sireletsa mafelo kgotsa tikologo ya tsone ka dikgoka. Dibopiwa tsa Anthias tsotlhe ditsalwa ka bong ba sesadi. E e renang mogo tsa basadi e tla etola bong ba yone fa e tona ya morena e ka swa. Di tsala ka go tshela mae a tsone mo metsing.

Dijo

E fepa ka zooplankton.

Anamiso

E bonala kwa mawatleng a a mofuthu, a a bonang dipula le mogote.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Harlequin goldie - Pseudanthias connelli
Threadfin goldie - Nemanthias carberryi
Sea goldie - Anthias squamipinnis