Go Obola Letlalo le go Bua

© Garitzko

Setoto se tshwanetse go kalediwa tlhogo e lebile tlase gore mala, a a fela fa tlase ga mapele, a nne ka go lekalekana le matlho a gago. Kaletsa ka dihuku tse tshesane di le bogale tse di phunyeletsang maoto a kwa morago fa gare ga mosifa wa Achilles le lerapo le le fa godingwana ga lenyenana.
Ka go dirisa thipa e e bogale ya boleele jwa 12cm, sega phatlhana mo letlalong le le dikaganyeditseng lenao la kwa morago mo seelong se go phunyeleditsweng dihuku mo go lona.
Tsenya thipa ka fa tlase ga letlalo le le fa morago ga leoto mme o le bule go fitlha kwa thitong ya mogatla mo letlhakoreng la mogatla la mo maragong. Ka go dirisa menwana, ntsha letlalo go tswa mo nameng ya serope sengwe le sengwe.
Kgarameletsa mogatla kwa morago mme o kgaole lerapo gore mogatla o salele mo letlalong kwa morago, mme mapele a nne mo letlhakoreng la mala.
Tswelela go ntsha letlalo mo mmeleng go ya kwa tlase, jaaka kousu e fetolwa gore boteng bo lebisetswe kwa ntlê, o gogela tlase lemorago la kwa mogatleng, mme le apose mo maleng ka menwana ya gago kwa pele go fitlhelela o ka tsamaisa seatla sa gago mo gare ga mala le letlalo. Jaanong sega mapele gotswa mo letlalong kwa pele gore a nne a kgomagane le rectum le mmele o o mo gare ga maoto a kwa morago.
Letlalo jaanong le ka obolwa go ya tlase le sa kgoreletsege – ela tlhoko gore o seke wa kgaola mola wa mosifa o o ikadileng mo gare ga mala.
Bereka maoto a kwa pele gore e nne maroo fela le tlhogo tse di saletseng mo letlalong le le obotsweng. Jaanong segelela malokololô a maroo a kwa pele, mme o kgaole tlhogo ka boleele jo bo gaufi le molala jo bo kgonegang.
Letlalo, le le santseng le kgomagane le maroo a kwa pele le tlhogo, le beelwa fa thoko gore le berekwe fela fa o setse o feditse go bereka setoto.
Sega phatlhana go ya tlase mo bogareng jwa mola wa mala e e sa phunyeng mateng. Ka kelotlhôko bula phatlhana eo go ya kwa godimo fela fa tlase ga mapele. Jaanong sega mo lehihiring mo matlhakoreng ka bobedi a mapele, o ele tlhôko gore o se phatlhole malana a a yang kwa setlheng le kwa dimpeng.
Atolosa phatlhana go ya kwa tlase kwa setshwafong mme o ntshe mateng setlha se santse se gokagane, ka kelotlhoko gore o seke wa thuba santlhoko kgotsa sebete, tse di tshwanetseng go ntshiwa ka gangwe. Jaanong kgaoganya lotha lwa setshwafo go fitlhelela makgwafo mme o a ntshe mmogo le trachea (phaephe ya kgokgotso).
Sega letlalo le le dikaganyeditseng tlhogo mme o e letle e we go tswa mo kousung gore e ntshiwe letlalo. Sebete, diphilo, pelwana le makgwafo tsotlhe di a jega – ebile di kaiwa fa e le dijo tse di monate – ka jalo di boloke mme o di dirise jaaka o batla. Ntsha manao a kwa morago ka go sefa mo manyenaneng ka tsela e e tlogelang dintha di tshwerisitseng mesifa ya serope mo manyenaneng.
Fa o setse o phepafaditse setoto ka lesela le le metsi se tlabe se siametse go segelelwa kgotsa go kgwagetswa. Go kwagetsa, kobela manyenana kwa pele mo sehubeng le setshwafong. Goga dinama tsa mo matlhakoreng go fa tebego ya popegô e phepa e ekgolokwe.

Translated by Nchema Rapoo