Go Godisa Dinamane le Meroba
Go simolola paka e ntšhwa ya ntshô-mašwi, dikgomo di tshwanetse go tsala. Gotswa mo go seno, namane ya moroba (namagadi) kgotsa poo (tona) e a tsalwa. Dinamane tsa moroba di godisetswa gore di tsene mo ditlhakong tsa dikgomo tse di tlogelang motlhape. Kgodisô ya moroba e simolola kwa tsalông mme e khutla kwa go tsaleng ga ntlha.
Botlhokwa jwa Colostrum
Namane e e sa tswang go tsalwa e tlhoka go tsholwa jaaka lesea, segolo thata mo dikgweding tsa ntlha di le pedi tsa botshelo jwa yona. Mo diureng di le thataro tsa morago ga tsalô, thusa namane go anya gotswa mo go mmaayona kgotsa gama kgomo ka seatla mme o fepe mašwi a colostrum go namane ka go dirisa thoba ya maitirelo. Colostrum ke mašwi a ntlha a a tlhagiswang morago ga go tsala. A na le di antibody tse di lwantshang malwetse a kgomo e a itemogetseng ka motsi wa go dusa.
Seno se neelana ka sesireletsi go dinamane mo dibekeng tsa ntlha tsa matshelo a tsona. Colostrum gape e na le dikompa tse di kwa godimo go feta mašwi a a tlwaelegileng, sekai, 24% kgatlhanong le 13%, ka ntlha ya dielô tse di kwa godimo tsa mafura le protein. Dikompa tsa mašwi di nna kwa tlase morago ga diura di le 24. Fa monyelô ka tlhamalalo ya di antibody e ema morago ga diura di le 6 - 8, colostrum e fana ka tshireletso ka mo gare ga mpa mme e tshwanetse gore e fepiwe sebaka se kgomo e e tlhagisang ka sona.
Go Fepa Dinamane
Morago ga diura di le 24, tsenya namane e e sa tswang go tsalwa mo hôkông ya dinamane (ya bophara jwa 1.0m le boleele jwa 1.8m) ka moalô o o omeletseng o o jaaka lotlhaka kgotsa manyakgong. Dihôkô di tshwanetse go nna le mabotana a a kwa bogodimong jwa 1.2m mo matlhokoreng ale mararo le borulelo jwa bogodimo jwa 1.5m. Ntsha moalô o o metsi gangwe ka letsatsi mme o lokele lotlhaka lo lo omileng.
Tshola dinamane di le mo dihôkông go fitlha di le dikgwedi tse 3, morago ga fao meroba e ka tsholwa ka ditlhopha. Phepô ya mašwi, ka go dirisa mašwi ka bojotlhe kgotsa maemedi-mašwi, e tswelelapele morago ga phepô ya colostrum. Fepa di-litre di le 2 goya go 3 tsa mašwi go namane nngwe le nngwe mo mesong le mo maitseboweng. Mašwi a a bothitho a ka fepwa dinamane ka tlhamalalô morago ga gore o game dikgomo. Le fa thoba ya maitirelo e ka diriswa, dinamane di ka rutwa gape go nwa gotswa mo kgamelong.
Tlhwekisa le go omisa didiriswa tsa go nwa morago ga phepô nngwe le nngwe go thibela pathogens gore di se aname mo dinamaneng. Tswelela go fepa mašwi go fitlha kgwesô mo bogolong jwa dikgwedi di ka nna 2 goya go 3.
Tlhotlheletsa tsêô ya dijo tsa tshimologo ka go sa oketse seêlô sa tsatsi le tsatsi sa mašwi ka motsi wa kgwesô.
Go Kgwesa Dinamane
Go simolola kgwesô, fepa namane dijo tsa tshimologo (ka 18% ya protein e tala) go simolola fa e na le malatsi a ka nna supa. Simolola ka go neela dijo tsa tshimologo tse di ka etsang 150g (go lekana komiki e kgolo ya kofi) mo setshoding sa sefepi se se omeletseng gongwe ka letsatsi. Ruta dinamane go ja gotswa mo setshoding ka go forogotlha bontlhabongwe jwa sefepi se se omeletseng mo dinkong tsa tsona. Ka go ikgora dinko, namane e lemoga sefepi.
Neelana ka sefepi se se foreshe tsatsi le tsatsi. Oketsa seêlô ka tsatsi le tsatsi fa go feditswe go jewa. Ntsha sefepi sa bogologolo ka ge se nna mouta ka bonako ka ntlha ya mathe. Kgwesa dinamane letswele fa dijo tsa tshimologo tsa tsona di fitlhelela 1 kg/letsatsi.
Simolola go fepa furu ya fo fatshe e e ka etsang 0.5 kg/letsatsi go tloga mo bogolong jwa dikgwedi di le pedi go rotloetsa go jewa ga phulô. Fetolela go dijo tsa kgolô (16% ya protein e tala) go tloga mo bogolong jwa dikgwedi di le tharo. Dijo tsa kgolô tsa namane (15% goya go 16%) di na le protein e tala e e kwa tlase gona le tsa tshimologo (sekai, 18%). Oketsa bontsi jwa dijo tsa kgolô gongwe ka beke. Tsêô ya tsatsi ka tsatsi ya sefepi e oketsega fa meroba e ntse e gola, e simolola go 3kg ka dikgwedi di le 3 goya go 18kg ka letsatsi mo bogolong jwa dikgwedi di le 24.
O Ka Isa Dinamane Leng kwa Mafulong
Meroba e ka iswa mafulong le go fepwa sefepi se se loileng se se ka lekanang 1kg ka letsatsi fa ele bogolo jwa dikgwedi di le 12. Morago ga bogolo jwa dikgwedi di le 12, phepô ya mafulo fela e tla lekana. Seêlô se se lekanang sa mafulo (jaaka kikuyu kgotsa ryegrass) se tshwanetse go nna teng; go seng jalo, se tshwanetse go tlaleletswa ka furu kgotsa silage. Fa go sena mafulo, phepô-gotlhe e e tswakantsweng e tshwanetse go fepwa.
Seêlô le go loa ga diphepô go tshwanetse ga fepwa goya ka setlhopha sa bonkane se se rileng, ka ge seno se fetoga fa meroba e ntse e gola. Kala meroba ka metlha go leba fa lenaane la phepô le le matshwenedi.
Kgwedisa meroba fela fa e setse e kala 300 - 330kg kgotsa fa e fitlheletse bogolo jwa dikgwedi di le 12 - 14. Seno se tla netefatsa go tsala gantlha ga bogolo jwa dikgwedi di ka nna 24 - 25.
Translated by
Nchema Rapoo