Go bona mathata a dikgogo – lebella

© Chris Daly

O ka dirisa boitseanape ba Stockman le methapo kutlo ya goga go go thusa go bona mathata pele a ka tswa mo taelong. Lefapha Agriculture Research Center la dingaka tsa kalafo ya diphologolo la kwa Ondersteepoort le fana ka maele a a latelang gore o itse se o tshwanetsweng ke go se tsayatsiya:

Anamiso ya dikgogo mo marulelong

©Chris Daly
Fa o tsena kwa lefelo madirelo, lebelela mokgwa o dikgogo di phatlhaletseng ka yone. Dikgogo tse di gatselang di tla pitlagana mmogo mo lefelong le le esi, fa tse di utlwang mogote di tla phatlhalla mme di ikokwana mo lefelong le leng maruru go leka go iphodisa.
Fa o ka dibona di kgobokane kwa majelong (feeders) kgotsa kwa dinwelong (drinkers), ke sekao sa gore ga do na dijo kgotsa metsi a a lekaneng mme seo se ka baka dintwa mme tse di bokoa di ka se bone metsi kgotsa dijo tse di lekaneng. Phefo e ntsi le yone e tshwenya dikgogo mme di tla leka go kgobokanela kwa mafelong a a mofuthu a phefo ee kwa tlase.

Ponalo

©Chris Daly
Latlhela bofofu mme o leke go bona fa di lebega di itekanetse, di fokola ka manyaapelo kgotsa di lapile dile bonya. Aa di bonala di tlhoba mafofa? Aa o bona matwadi (bald patches) mo go tsone? Lebelela selekano sa mbele ya tsone. Aa tsotlhe dia lekana ka mmele kgotsa o bona tse dingwe di bopame go feta tse dingwe. Lebaka e ka nna eng fa di farologana ka selekano? Gongwe tse di bopameng di koafetse, kgotsa di ka tswa di bobola, kgotsa tse di maatla di kgoreletsa tse di bokoa go ka bona dijo le metsi a a lekaneng.

Ditho tsa Mmele

O tshwanetswe ke go tlhatlhoba dikarolo tsotlhe tsa mebele ya tsone. Simolola kwa tlhogong o fitlhe kwa mogatleng.

Tlhogo le Molala

©Chris Daly
Fa o lebelela setlopo (comb) le tedu (wattles) ya yone, e tshwanetswe ke go nna tshibidu, kwa ntle ga mabadi kgotsa go ruruga. Ga go na le bothata, o tla di bona di le mmala o bontsho kgotsa botala ba legodimo, mme fa o bona mmala o bosetlha jwa pinki, go raya gore kgogo eo ea bobola, go na le senwamadi, e bolawa ke mogote, kgotsa e ka nna sekao sa gore e mo nakong ya “annual molt”. Ke nako e kgogo e tla bong e wisa mafofa a kgale mme e godisa a mashwa. Matlho a tsone a tshwanetswe ke go nna kgolokwe ka sebopego, a bulegile mme a galalela(sparkling).
Fa o ka a bona a tswetswe sebaka, kgotsa a fetogile sebopego a le kgolokwe jwa lee(oval), ka mmala wa bosweu, kgotsa a tswa boladu ke sekao sa gore kgogo eo ea bobola. O seka wa bona mamina kgotsa metsi a tshologa ka dinko, ka gonne a ka omelela mme a thibelle mowa go tsena kwa mafatlheng. Lefelo le leleng magareng ga leitlho le nko ga lea tshwanetswa ke go ruruga. Ga o lebella molomo wa yone (beak), e tshwanetswe ke go nna le sebopego se se tlwaelegileng. Fa e le kgogo ya mae e ka nna le molomo oo segilwe kwa pele ka gonne barui ba bantsi ba e sega gore dikgogo di seka tsa gobatsana fa di ka lwa mo dihokong tsa tsone.
Molomo o nna o tswetswe ka dinako tse dintsi, mme ga e sa itekanela o tla bona e butse molomo mme e hemela kwa godimo. Se, e ka nna sekao sa gore dinko tsa yone di thibane, kgotsa e na le dikgatello (stress), kgotsa e ikutlwa e fisa. Molomo wa yone o ka utlwala ole bonolo kgotsa o temeka (rubbery) ga e na le bolwetse. Molala wa yone o tshwnetswe ke go tlhamalla go tshegetsa tlhogo kwa gogimo. Ga o a tshwanelwa ke go nna bokowa mme o kobegile.

Mmele

©Chris Daly
Mmele otlhe o tshwanetswe ke go aparelwa ke mafofa, kwa ntle ga matsopa a a rileng aa senang mafofa kwa molaleng le mo sefubeng. Mafofa a tsone a nna a kadile mo mmele, mme a emelela fela fa e robala, ga e gatsela kgotsa ga e bobola. Tlhatlhoba mafofa a yone go bona ga e sena dikgofa (ticks), dinta (lice) le motlhwa. Gantsi dikgofa di ka fitlhelwa mo tlhogong, dinta di rata go nna ka fa tlase ga mafofa a molala le kwa diphukeng.
Mafofa a yone a tshwanetswe ke go nna phepa. Mafofa a a leswe a a nang le mantle mo go one le kwa phunyeng e ka nna sekao sa go tsholla (diarrhoea). Fa o ka e bona e rurugile kwa phinyeng e ka nna sekao sa gore e palelwa ke go fetisa lee.
Maoto a yone a tshwanetswe ke go tia, a tlhamaletse mme a le borethe, gantsi ka mmala wa lephutshe kgotsa yellow. O tshwanetswe ke go e bona e sena mabadi, go sa ruruga mo maotong mme e tsamaya sentle e sa tlhotse.

Translated by Ikalafeng Maedi