Galjoen

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Galjoen

Leina la Matshamekwane

Black fish, Black bream

Semeto

E ka nna 80cm, fa bogareng bo ka nna 40cm

Ponalo

Mmele wa yone o batlile o nna le matlhakore a mane a a lekalekaneng. Tlhogo e kgolo ka mogatla o mokhutshwanyane. Megatlana ya yone e na le ditlhoko tse di bonalang (spines). Molomo o monnye nyana ka meno a kwa pele a a bonalang. E kgona go fetola mmala wa yone ka pele go tswa go bontsho ga e le mo matlapeng go ya go mmala wa bronze le selefera ga e le mo mafelong a santa.

Dikitsiso

Lelapa la Dichistiidae le na le mophato o le 1 le dibopiwa dile 2. Ke national-fish ya Afrika Borwa. Galjoen e banded e nnye. E bonwa mo metsing a matsubutsubu (turbulent) a lewatle, gaufi le mafika kgotsa mafelo a matlapana. Ena le Matla a magolo a go thuma. Ke tlhapi e e tsomiwang thata ke batshwara ditlhapi.E ka bonwa gape mo metsing a a senang letswai. Di tsala ka go tshollela mae a tsone mo metsing gore e tona e a nonofatse ka peo ya yone. (Pelagic spawners).

Dijo

E fepa ka ditlhapi tse dinnye le di’crustaceans ka go di mona (sucking) e di kometse. E fepa gape ka di’invertebrates, mussels, barnacles le redbait.

Anamiso

E ka bonwa kwa borwa-bophirima ba lewatle la Atlantic le Afrika Borwa.

Dibopiwa tsa mophato wa yone:

Galjoen
Dichistius capensis
Banded galjoen
Coracinus multifasciatus
Galjoen
Dichistius capensis