Frogfish

© Johan Boshoff

Leina la Mophato/Lelapa

Frogfish

Leina la Matshamekwane

Ga le teng (None)

Leina la Maranyane

Antennariidae

Semeto

E ka nna 50 cm.

Ponalo

E Pelagic mme gape e benthic. dibopiwa tse di pelagic gantsi dipatagantswe ka bophara fa tse di benthic dipatagantswe thata ka tsepalalo ya mokwatla, fa molomo wa yone o lebelela kwa godimo. Mebala ya yone e ka farologana fa tse dingwe dile bosweu, dingwe ka mmala wa lephutshe, boshibidu, borokwa le bontsho.

Dikitsiso

Lelapa la Antennariidae le na le mefuta e le 12 tsa dibopiwa di ka nna 41 tse di farologaneng. Di teletswe ka leina le le kayang mogwa o ditsomang ka yone. E gogela ditlhapi ka lereto le le golang fa tlhogong. Fa thentekele e e ka kgomiwa molomo wa yone o a bulega.
E ka atlhama thata mme e budulole mala a yone gore e kgone go kometsa setlhabelo sa bogolo ba yone gabedi. Ga se tlhapi e e matlhagatlhaga thata. E gona go iphitlha ka tikologo ya yone. E tona e ka ikopantsha le e namagadi gore e tsele peo ya senna mo go yone.

Dijo

E gogela setlhabelo sa yone ka dithentikele tse di leng fa tlhogong ya yone, mme fa di ka kgomiwa di dira gore molomo wa yone o bulege.

Anamiso

Kwa boteng ba lewatle, go fitlhelela kwa maemong a dikonyinete a leng teng mo mawatleng otlhe.

Dibopiwa Tsa Mophato Wa Yone

Pink anglerfish - Antennarius rosaceus
Clown anglerfish - Antennarius maculates
Giant anglerfish -Antennarius commersonii