Emerald Riesling

© Vititec

Tlhaloso

E tlhamilweng ke UC Davis ka 1948 go tswa go kgabaganya fa gare ga Muscadelle le Riesling, Emerald Riesling ke terebe ya mofuta wa semela o mosweu e neng e ikaeletswe go ntsha tsweletsa boleng jwa Riesling fela e e siametseng maemo a a mogote. Babatlisisi ba bangwe, le fa go ntse jalo, ba dumela gore batsadi ba Emerald Riesling nnete tota e ne e le Muscadelle le Grenache.

Tshimologo

Dinaga tse di Kopaneng (Amerika)

Maina a Mangwe

Emerald riesling gape e kwadisitswe jaaka California 1139 E 29. Terebe ga e a tshwanelwa go tlhakatlhakanngwa le Weisser Riesling ya kwa Jeremane.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Leidi le la terebe le ne la itsisiwe mo Aforika Borwa ka 1981 mme le ne la akanngwa e le la go kgona go emelana a a golang a bolelo mme le ntse le kgona go itlhagisa dibopego tsa tatso ya Weisser Riesling. Terebe e e jalwa gape le kwa Iseraele.

Dikgaolo tsa Tsweletso

47ha fela ya Emerald Riesling e teng mo Aforika Borwa e ka gore 26ha e gola mo lefelong la Robertson. Ga go na dijalwa tse di ka beng do kwadisitswe ka 2016.

Kgolo

Bogareng go ya boima jwa kgolo ya thobo e e kwa godimo (20_30t/ha) le lenane la go sekediwa le fa dipholo tse di gaisang. Bontsi jwa kgolo bo diragala morago ga thobo e e nang bokowa go oidium. E e tlwaetse mefuta e e farologaneng ya mmu mme e siametse dikgaolo tse di bollo.

Go Butswa

Emerald Riesling ke rodiwa ka 20 -22° ka go gamela sebopegong se se potokwe ka nako e e tshwanang le setlha sa bogaregn jwa selemo mo nakong e e tshwanang le ka ya Chenin Blanc.

Borekhu

Borekhu ke bo botalana bosweu le bopotokwe. Ka thobo ya metšhini go kopana ga dikutu go go tiileng ga borekhu go ka dira gore letlalo le gagoge go isa go tatlhegelo ya matute a thobo ya Emerald Riesling go nne thata.

Matlhare

Matlhare a fa gare ka bogolo, ka kakaretso go ya go loreto 3 ka go nna kgolo, meno a a sa tlhomamang.

Disenyi le Malwetse

Emerald Riesling e nna le twantsho e kgolo go botrytis go feta Chenin Blanc gape e ka nna bokoa that go oidium le monyo o o boleta wa botlase. Kgolo ya tse di šwa e e tlhagang morago ga thobo mme e ka nna masisi go oidium.

Tiriso

Emerald Riesling e ka dirwa ka tsela e e omeletseng kgotsa setaele sa veine ya seka-botshe e tshweu. Botlolo fa e tsofala e ka dira seka-terpene jaaka moanelwa mme e seng go go go tseneletseng ka Weisser Riesling.

Tatso/Moutlwalo

E tlhalosiwa jaaka e e matute, monko monate le veine ya moutlwalo, Emerald Riesling e ka bontsha baanelwa ba dithunya le go ya boloking boesiti jaaka Riesling (7-9g/l).

Translated by Lawrence Ndou